Breaking News

Mme o gatetse pele ka lenaneo

05 Oct 2015

Lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse ka go ntsha Batswana mo seretseng. Kwa Mahalapye, motlhala wa lone o setse o itshupa mo banning ba akaretsang Mme Kgalalelo Shoshong.

Fa a bua mo potsolotsong, Mme Shoshong, yo o dingwaga di masome mararo wa kgotla ya Tidimalo, o tlhalositse fa a na le kgwebo ya go roka paka ya sekole le ya kereke, masire a lenyalo le diaparo dingwe le dingwe tse bareki ba di batlang. 

O kaile fa a ithutetse go roka kwa Borolong Vocational Training Centre kwa Pitsane ngwagatlola. 

Morago ga go fetsa dithuto o ne a ya go berekela moroki mongwe, seo e le tsela nngwe ya go ithuta gore kgwebo e tsamaisiwa jang.

Gape o ne a reka didirisiwa tse a tlaa di dirisang mo kgwebong ya gagwe.

O boletse fa a ne a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ngogola ka didirisiwa tse di rokang mme kgwebo ya gagwe ya simolola ka Seetebosigo. O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle. 

A re bareki ke batsadi ba ba rekang paka ya sekole, maloko a dikereke, batho ba ba nang le manyalo le ba ba tlang ka matsela ba batla go rokelwa diaparo tse di faphegileng. O kaile fa kgwebo e dira sentle ngwaga o simolola fa dikole di bulwa le dikgwedi tsa bofelo tsa ngwaga fa manyalo a bulelwa, mme kgwebo e wela tlase mariga.

Mme Shoshong o boletse gore kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore Batswana bangwe ga ba mo rotloetse ba itlhophela go rokelwa ke batswakwa. 

O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e mo thusitse mo a kgonang go jesa bana le go ba isa sekoleng.

Le fa kgwebo e simolotse ngogola, Mme Shoshong o boletse fa a setse a kgonne go ikagela ntlo e bile a e goketse motlakase le ntlwana e e dirisang metsi.

O tlhalositse fa a eletsa go ipona a na le madirelo a matona a go roka a thapile banana ba bangwe, bogolo jang ka gore ga go na madirelo kwa Mahalapye. Mme Shoshong o ne a gakolola banana gore ba seka ba itsapela kgwebo. O tlhalositse gore le fa kgwebo e sa dire sentle e tshwanetse go itshokelwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 05 Oct 2015