Breaking News

A go rutwe bana ka boipuso

05 Oct 2015

Mogwebi mongwe kwa Bobonong a re go botlhokwa go rotloetsa bana go itse bomosola jwa letsatsi la boipuso.

Rre Sediba Robert yo e neng e le sebui sa tlotla ka letsatsi la boipuso kwa Bobonong a re go a tshwenya go bo banana ba  salela morago mo letsatsing le le botlhokwa le.

Rre Robert a re go tsibosa batho ka boipuso go tlhokega gore go balwe go bo go kwale dibuka tsa ditso gore boleng jwa lone bo seke jwa nyelela.

A re  mo dingwageng tse di fetileng, Batswana ba ne tlotla boipuso ba le tsaya jaaka letsatsi la kereke, mme a kopa gore go nne le molao o o ka somarelang letsatsi la boipuso.

Rre Robert a re go ipusa go akaretsa dilo di le dintsi jaaka ditshwanelo, go tlotla ba bangwe  gammogo le itshireletso, le tlhaloganyo ya motho le yone e tshwanetse go nna le boipuso.

A re go santse go nale batho ba ba bipang mpa ka mabele go sireletsa dirukutlhi go kgatlhanong le melao e e tsamaisang lefatshe.

A re tshomarelo ya boipuso e akaretsa go fa ditiro ka bokgoni jwa motho kgotsa dikhampani,  a re ka jalo setshaba se tshwanetse go baya seelo sa dithutego mo baeteledingpele ba sepolotiki gore ba kgone go emela dikeletso tsa bone le go godisa itsholelo.

Rre Robert a re Batswana ba tshwanetse go itlwaetsa go bala le gore molao motheo o rutwe kwa dikolong gore ba itse ditshwanelo tsa bone le gore ba seka ba gataka molao.

O abetse komiti ya boipuso P10 000 go baakanyetsa boipuso jo bo tlang ja dingwaga tse masome a matlhano.

Modulasetilo wa komiti ya boipuso, Rre Moeti  Maemo  a re komiti eo e lebaganwe ke seemo sa tlhaelo ya madi go rulaganyetsa ditiro tsa moletlo o.

Rre Maemo a re le fa go ntse jalo ba ne ba itoma sekgono gore ba kgone go rulaganyetsa dikgaisano tsa bomma le borra bontle mme ba ipelafatsa ka gore

A re o ipelafatsa ka gore mma bontle mme Bontleeng Kgosietsile le rrabontle Rre Lala Johannes e le bone bafenyi ebile batla ya go gaisanya le ba bangwe kwa Gaborone go ipaakanyetsa boipuso jo bo tlang ka ngwaga wa 2016.

A re monana Patience Serumola go tswa kwa motseng wa  Motlhabaneng le ene ke mabontlenyane wa ngwao mme o tla emela lefatshe leno kgwedi eno mo dikgaisanyong tsa mafatshefatshe kwa Mexico.

Rre Maemo a re se ke sesupo sa gore kgaolo e e na le bokgoni jo bo tseneletseng, mme ka seo e tshwanetse go ipelafatsa ka bokgoni jwa yone..
Molaodi wa kgaolo ya Bobirwa Rre Loeto Porati o ne a bala molaetsa wa boipuso go tswa kwa go tautona.

Letsatsi leo le ne la natifiswa ka mmino, maboko, segaba le dikhwaere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Letsatsi la Boipuso

Date : 05 Oct 2015