Breaking News

Balekane ba Botswana ba supa kutlwelobotlhoko

05 Oct 2015

Setlhopha sa Balekane Ba Botswana se abetse kokelo ya Selebi Phikwe disupa ditshwantsho (television) tse pedi tse di lopileng P7100 ka letsatsi la ipelelo boipuso.

Leloko la mokgatlho oo, Mme Kagiso Sedie o boletse mo potsolotsong gore e rile go lemoga fa sepatela se, se sena disupa ditshwantsho tse di lekaneng, bogolo jang mo mantwaneng a go robadiwang balwetse ba ba tsayang lebaka le le telele, ba ne ba bona go tshwanela gore ba dire pharologanyo.

Mme Sedie a re balwetse le bone ba tlhoka ditlosa bodutu.

A re fa go robatswang bana go ne go sena sesupa ditshwantsho mme seo se dira gore bana ba batle go tswa mo sepatela pele ga nako ka ba tlhwaafalela kwa malwapeng mme mpho ya television e tla fokotsa boithobogo joo.

Mme Sedie o ne a supa fa mpho e tla thusa gore balwetse ba kgone go leba dikgang le tse di diragalang lefatshe ka bophara.

Mmabontle le rrabontle ba setlhopha seo Mphoentle Paakanyo le Kanana Mapongo ba ba tla a emelang toropo ya Selebi Phkwe ka boipuso jwa 2016 ba re ba sale ba ikgobokanya ka 2014 e le balekane mme ba tla ka megopolo  e e ka tsisang pharologanyo mo setshabeng mme ba tla ka wa go sela matlakala le go leba botlhoki mo sepatela.

Ba re maikaelelo a bone ke go neela setshaba dithuso ngwaga o no le go feta ngwaga wa 2016 ka ele seabe sa bone le Batswana go ipelega le go thusa ba ba tlhokang kana fa puso e tlhaelang teng.

Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofho Molefi o ne a kopa setshaba sa Selebi Phikwe go boela kwa go Ramasedi ka thapelo ka gore kagiso le thokgamo di tswa kwa go ene.

O ne gape a re lefatshe la Botswana ke boswa mme boipuso bo tshwanetse go abelwana gore dikokomane tsa lefatshe le, le tsone di tle di ikakole e bile di ikgantshe ka se ba se utlwang mo nakong ya gompieno.

Letsatsi le ne la ketekwa ka bokgabane le natefisiwa ka mmino, poko le kapari ya setso mme bontsi jwa badiragatsi e le banana le tshologelo e ne e le e e nametsang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kabo-dimpho

Date : 05 Oct 2015