Breaking News

Puso o rotloetsa bopagano

05 Oct 2015

Kgosi kgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso a re go botlhokwa gore batho botlhe ba tseye karolo go baakanyetsa boipuso.

O buile jalo kwa kgotleng kgolo ya Batlokwa bosheng fa go tswalelwa kgwedi ya thapelo.

O tlhalositse fa dithulaganyo tsa boipuso di tlhoka go tshwaraganelwa mme kopo e le gore batho ba rotloetsege go apara mebala ya Botswana go simolola jaana go fitlha ngwaga wa 2016.

O gakolotse bomme go sega mateisi a mebala ya matshego a ponelopele ya sechaba gammogo le mebala e e ipelelang Botswana go thusa go phatlalatsa molaetsa.

Kgosi Puso a re go botlhokwa go rapelela maitsholo a batho a a nitameng gammogo le go ikgapha le go babalela mebele ya bone ka ele tempele ya Modimo.

A re thapelo e ka thusa gore go seka ga nna le ope yo o amiwang ke HIV/AIDS goya kwa pele, a tlatsa ka gore molaetsa o motona ke go fedisa gotlhelele kanamo ya mogare gobo go nne le phetogo ya maitsholo.

Kgosi kgolo o tlhalositse fa ngwaga o otlang go tlaabo go ipelelwa ngwaga tse masome a matlhano Botswana a ipusa mme mo nakong ya gompieno dipaakanyo di setse di simolotse.

A re dikereke dika thusa go isa molaetsa kwa pele. O boletse fa mongwe le mongwe ana le polelo ka lefatshe leno ebile ba itse ka diphetogo tse di diragetseng, a tlatsa ka gore kgang ke go isa Botswana kwa pele.

Kgosi Puso a re molelo wa tshwaragano o o gorogileng kwa Tlokweng Phalane a rogwa o tla a tsamaya metse yotlhe ya Botswana go fitlha ngwaga wa 2016.

O gakolotse dikereke go tsaya karolo le go bopagana. A re mokgwa wa go kgaogana ga dikereke o tshwanetse go kgalemiwa ka gonne popagano e botlhokwa ka e siametse lefatshe leno.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la dikereke Bishop Modise Modise o boletse fa e le tshwanelo gore dikereke di tshwaragane eseng tse dingwe di itira mekoko ka seo se tlisa kgaogano.

Bishop Modise a re dikereke di tshwanetse go nna le seabe mo tsamaisong ya metse ya tsone le go tsenya letsogo go thusa mo mererong, a tlatsa ka gore lekgotla la baruti le eme ka dinao go thusa go aga setshaba.

Letsatsi leo le ile la tshwalelwa ka go rapelela pula, go rapela go ema kgatlhanong le dikotsi tsa dikoloi, dipolaano le kgokgontsho mo malwapeng, go rapelela motse wa Tlokweng le HIV/ AIDS. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : TLOKWENG

Event : Phuthego

Date : 05 Oct 2015