Breaking News

Go ruta bana ngwao go mosola

05 Oct 2015

Go ruta bana ngwao go ka solegela dikokomane tse di tlang molemo. Se, se builwe ke modiri kwa ofising ya Botswana Investment and Trade Centre, Rre Keletsositse Olebile kwa Bobonong bosheng.

Rre Olebile a re ngwao e supa bokao kana boleng jwa motho ka jalo go molemo go e tshegetsa gore e seka ya nyelela. O supile fa ditso jaaka go suga matlalo di tshwanetse go tsosolosiwa ka di le botlhokwa thata mo matshelong a batho.

Rre Olebile a re basha ba tshwanetse go tsenya le tsogo mo go direng ditiro tsa kgotla a tlatsa ka gore dithuto gammogo le dikitso tse ba nang le tsone di tlhokafala thata mo go direng ditiro tse di amang setshaba.

A re batho ba tshwanetse go tsena diphuthego tsa kgotla ka go bo melaetsa ka ga mananeo a puso le ditlhabolo di tsewa koo. Rre Olebile o gwetlhile batho ba ba nang le didiba le masimo go tlhwaafalela temo  a supa ka gore go dirilwe madirelo a Horticulture Resource Plant kwa Selebi Phikwe a a ka solegelang Batswana ka bontsi molemo.

A re go simolodisiwa ga madirelo ao ke tsenela nngwe ya go kabakanya itsholelo segolojang mo kgaolong ya Bobirwa le Mmadinare ka go bo bontsi jwa baagi ba dikgaolo tseo ba ikaegile ka moepo wa Selebi Phikwe.

Fa a tswa la gagwe Kgosi ya kgotla ya Shakola mo Bobonong Rre Molaodi Oitsile o gwetlhile borre go  tsenelela merero ya kgotla ka seo se ka ba neela tshono ya go tla megopolo e ba ka e dirisang go rarabolola mathata a a aparetseng morafe o ba o eteletseng pele.

O rotoeditse borre go se ipone tsapa mo go direng ditiro tsa kgotla. Rre Oitsile o tlhalositse fa tirisano mmogo le tshwaragano gareng ga borre e ka bopa setshaba. O supile fa dikgosi tsa pele tsa kgotla ya Shakola di ne di tshwaragane e bile di itse botlhokwa jwa kgotla

Rre Oitsile o gwetlhile bomme go ilela kgotla ka seo se ka busetsa serodumo se kgotla e itsegeng ka sone. O supile fa kgotla ya Shakola e rurifaditswe go nna kgotla ka fa Molaong.

O tlhaloseditse Bashakola fa a kopile rangwaneagwe go mo tshwarelela ka ene a santse a mekamekane le ditiro dingwe e bile gape a aparetswe ke mathata a pono ka jalo a kopa morafe wa gagwe go eteletsa rangwaneagwe pele mo ditirong tse di amanang le kgotla ya ga Shakola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : BOBONONG

Event : Phuthego

Date : 05 Oct 2015