Breaking News

Ba botsogo ba kopa tirisano mmogo

05 Oct 2015

Lephata la Safe Male Circumcision kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole ba kopile batsadi gore ba dirisane le bone fa ba ba tsamaya mo malwapeng go bua le bana ba bone ka go dira learo la borre.

Rre Chilly Malokwane o ne a bua se mo phuthegong ya kgotla  a bolela fa bangwe ba batsadi ba sa rotloetse bana ba bone go diara learo la borre.

E re ka HIV/AIDS e apesitse kobo ka letshoba mo Botswana, o ne a tlhalosa fa learo la borre ele nngwe ya ditsela tse di ka thusang go fokotsa kanamo ya mogare ka dipatisiso di supa fa rre yo o dirileng learo a babalesegile ka 60 per cent go ka tsenwa ke mogare.

A re le fa go ntse jalo o rotloetsa borre ba ba dirileng learo go tswelela ba dirisa sekausu fa ba tlhakanela dikobo.

Rre Malokwane o boletse fa mo bogompienong ba lephata la SMC le setse le na le dikoloi tse di nang le boranyane jo bo ba kgontshang  go direla learo la borre mo go tsone.

Se se raya gore fa ele gore motsadi wa ngwana o na le kgathego ya gore ngwana wa gagwe a dire loaro mme a sa kgone go tla kokelong ka ntha ya mabaka mangwe ba ka kgona go mo latela  gone kwa aleng teng batle ba dire loaro gone ko lwapeng lwa gagwe.

O ne a tlhalosa fa bana ba ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano go ya ko go tse masome a le mararo e le bone ba o fitlhelang ba le matlhagatlhaga mo go tsa tlhakanelo dikobo ka jalo ba ba rotloetsa gore ba dire loaro lwa borre.

Batsadi ba bana ba eleng gone ba tsholwang le bone fa ba ratile ngwana o ka dirwa loaro gore a gole a dirilwe.

Are ere ba boloditse letsema la go tsamaya ba ruta batho ka loaro lwa borre mo malwapeng batsadi  banne ba ba letelela mo malwapeng a bone gore ba tsene ba ba rute ka tseo.

Bofelong o ne a tlhalosetsa bomme fa le bone banne ba rotloetsa borre ba ba tshelang  le bone gore ba dire loaro. Are ntlheng ya go fokotsa go tsenwa ke mogare, loaro lwa borre le itsa mme gore a tsenwe ke kankere ya molomo wa popelo.

Ka jalo go maleba gore Rre mongwe le mongwe a dire loaro lwa borre. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego tsa kgotla

Date : 05 Oct 2015