Breaking News

Monana o tshela ka tshipi

05 Oct 2015

E re ka jaana letlhoko la ditiro le apesitse banana ba lefatshe leno kobo ka letshoba, go supagetse fa banana bangwe ba sa tlelwa ke mowa wa boitlhobogo mme ba inaakantse le go itlhamela mebereko.

Rre Tsogo Dire ke mongwe wa banana ba Kanye ba go tlhoka go dira sentle kwa sekolong go sekileng ga ba kgoba marapo. “E ne ya re ka ngwaga wa 2010 ka bona tiro kwa Denmark Engeneering, ko re neng re dira di kosene tsa mabati le diokomelabagwe.

E rile ngwaga ono o simolola ka bona gore le nna ke na le bokgoni jwa go ka itshimololela kgwebo e eleng yame,” ga bolela Rre Dire. Rre Dire o boletse fa go itshimololeleng kgwebo ya gagwe go tokafaditse botshelo jwa gagwe fela thata ka jaana a dira dipoelo tse di fetang nako ya fa a bereka.

“Ke godile ke le motho o neng a rata ditiro tsa diatla, le ko sekolong ne ke rata dithuto tsa tiro tsa diatla. Ke godile gape le batho ba letso la sezezuru le bone ke bangwe ba neng ba nkgothatsa thata gore le nna ke nne le lerato la ditiro tsa diatla.”

Rre Dire o boletse fa ditshipi tse a di dirisang ele tsa tlhwatlhwa e ko godimo mme ditlhwatlha tsa dithoto tsa gagwe di le kwa tlase.

A re mo kgwebong ya gagwe o dira gape le mekoro e nosang dikgomo, dikara tsa ditonki le dimausu. O boletse fa kgwebo ya gagwe e direla mo lwapeng ka a ise a bone lefelo la madirelo.

O tsweletse a tlhalosa fa dikgwetlho tsa gagwe ele Batswana bangwe ba ba tsayang dithoto mo go ene mme ba tlise dituelo morago ga lebaka. A re seemo se, se mo tshwenya fela thata ka se isa kgwebo ya gagwe kwa tlase.

E re go ntse jalo, Rre Dire o boletse fa theko ya dithoto tsa gagwe ele botoka mo e kgonang gore kgwedi fa e fela a tsenye sengwe mo ganong le ba lelwapa la gagwe. O ne a kgothatsa banana ka ene gore ba lese go baya fela mo mananeong a puso ba itswele ka metlhale ya gore ba ka itshetsa jang.

O boletse fa dikeletso tsa gagwe ele go ipona ele mogwebi o motona, kompone ya gagwe e aname lefatshe lotlhe.

O ne a kgothatsa banana ba ba tseneng ko bommadikolo gore ba lese go tlhopha ditiro ba inakanye le mananeo a puso a santse a buletswe go lwantsha letlhoko la ditiro le shenneng meno.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 05 Oct 2015