Breaking News

Bomme ba Roma ba abela bana

05 Oct 2015

Bomme ba kereke ya Roma ba bokopano jwa Southern Dinnery ba Vicariet kwa Francistown ba file bana ba le bane dimpho.

Fa a bua mo tirong eo, mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o supile fa seabe sa kereke se le botlhokwa thata mo lefatsheng leno, ka jalo go lebosega go bona bomme ba kereke ba inaakantse le go diragatsa mowa wa kutlwelobotlhoko.

Rre Makgalemele o ne a kgothatsa bomme go tshwarelela ka thata mo go se ba se dirileng ka e le se segolo, mme e bile a eletsa gore ba dire mo go fetang fa mo nakong e e tlang.

Fa a bua mo boemong jwa bomme ba kereke, modulasetilo wa bokopano jwa Southern Dinnery, Mme Tikologo Kenosi, o tlhalositse fa ba na le matshego a ba dirang ka one mo kerekeng, e leng a botho, borapedi le boaposetoloi.

A re letshego la botho le ba gwetlha go diragatsa setho, lerato le bopelotlhomogi, ka jalo ba na le maitlamo a go tsenya letsogo mo go thuseng ba ba seng lesego mo botshelong lefatshe ka bophara.

Mme Kenosi o tsweletse ka gore ba ne ba itshwaraganya le ba lephata la boipelego la Shoshong go ba thusa go batlisisa ba ba tlhokang thuso.

Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o ne a lebogela tiro e e dirilweng ke ba kereke ya Roma, a re e supa fa mowa wa boutlwelobotlhoko o agile mo dipelong tsa bone.

A re se ke bokao mo setshabeng ka kakaretso, e bile se ka ruta ba ba saletseng kwa morago go tsaya malebela. Baabelwa ba ne ba fiwa dimpho tsa dikobo le dijo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : SHOSHONG

Event : Bokopano jwa dikerekere

Date : 05 Oct 2015