Breaking News

Kedikilwe o itumelela popagano

05 Oct 2015

 Mothusa-tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe, o akgoletse Batswana go bo ba tsweletse ka go tshegetsa ngwao ya bone.

Fa a bua kwa maitisong a a neng a rulagantswe ke ba lekgotla la Domboshaba ka Labone, Dr Kedikilwe o ne a iteela legofi merafe e e santseng e dira go bonala go tsosolosa le go dibela dingwao tsa yone.

A re go bo monongwaga kwa moletlong wa Domboshaba go laleditswe ditlhopha tsa mmino go tswa kwa dintlheng tse di farologanyeng tsa lefatshe leno, go supa fa Batswana ba tlotla mowa wa popagano.

A re go tshela mmogo ka kagiso, go abalana dingwao le dipe fela tse di amang matshelo a batho ke selo se se botlhokwa se Batswana ba tshwanetseng go tlhomamisa gore ga se ba tswe ka patlha tsa menwana.

Dr Kedikilwe a re Batswana ba tshwanetse ba lemoga fa ba le lesego ka jaana kwa mafatsheng a mangwe merafe e itaana ka noga e utlwa fa mo ga bone mowa wa neelano o santse o rena.

O ne gape a supa gore le fa gone lefatshe leno le lebanwe ke dikgwetlho tse di farologanyeng di le mmalwa, Batswana ba tshwanetse ba ipela ka jaana kutlwano le popagano tse ba nang natso e le dibetsa tse di nonofileng.

E ne yare a latlhela tlhware logonyana, mongwe wa barulaganyi ba moletlo wa Domboshaba, Mme Chigedze Chinyepi  o ne a tlhalosa fa ngwao e bopaganya batho, e bile e fa fa sebaka sa go itsaa ka motlhala go batlisisa ka kwa ba tswang teng e bo e ba kaela le gore ba ka dira eng go ipetlela isago e e botoka.

Mme Chinyepi o ne a tlhalosa fa tshwetso ya go laletsa ditlhopha tsa mmino go tswa kwa merafeng e mengwe ba e tsere morago ga go lemoga fa go le botlhokwa go abalana dikitso ka dingwao tse di farologanyeng.

A re go botlhokwa gore merafe ya lefatshe leno e itsane e bo e lemoge fa e le selo se le sengwe.

Maitiso ao a ne a natefisiwa ka moopelo le mmino wa setso le poko magareng ga tse dingwe.

Ba tsena moletlo o, ba ne ba tsamaisiwa le mafelo a a supang ditso tsa Bakalaka a akaretsa mantswe a Domboshaba gaufi le motse wa Vukwi, motswedi wa metsi wa Mantenge kwa Kalakamati ga mmogo le mantswe a Gandanyemba le Machokochoko kwa Nlapkhwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Masunga

Event : Domboshaba

Date : 05 Oct 2015