Breaking News

Kgosi o kopa morafe go rapelela pula

02 Oct 2015

Kgosi kgolo ya Bangwaketse, kgosi Malope II o kopile morafe le setshaba ka kakaretso go rapelela pula. Kgosi Malope o buile mafoko a kwa kgotleng kgolo ya Bangwaketse a amogela morafe le diphuthego tsa dikereke ka go farologana ka letsatsi la go tswalela kgwedi ya merapelo ka Sontaga kwa Kanye.

Kgosi o boletse fa letsatsi leo e se la go tswalela kgwedi ya merapelo fela mme ele sebaka sa go rapelela pula le boipuso.

Kgosi a re pula ke yone botshelo ka fa e seyo gonna leshekere mme fa ele teng go lengwa dijo di nne teng. 

ka jalo, o ne a kopa morafe le setshaba ka kakaretso go rapelela pula, a gatelela ka gore lefa ba Tepo-Loapi ba tlhalosa fa pula e seyo mono ngwaga, se se seka sa kgoba batho marapo go rapela pula.

 Kgosi Malope o tlhalositse fa a ikaelela go bitsa dikgafela ngwaga e e tlang pula e nele kgotsa e sa na.

E rile a tswa la gagwe, Molomaganya ditiro tsa bolwetsi jwa AIDS mo kgaolong ya Borwa (District AIDS Coordinator), Mme Basadibotlhe Lebogang a bolela fa a lebogetse go bona morafe o le montsi kwa kgotleng go tswalela kgwedi ya merapelo.

Mme Lebogang o ba kopile gore le ka letsatsi la boipuso ba tle ka bontsi e bile go le botlhokwa gore ditiro tsa bone di kae fa e tlaare ngwaga o o tlang babo ba ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano.

 Le ene o ne a gatelela mafoko a ga Kgosi Malope II a rotloetsa setshaba go rapelela pula ka tlhoafalosa. A re dithapelo tsa morafe di botlhokwa fela thata ebile di ka le re diphetogo mme Pula e nne teng.

Moruti Lesole Lesole wa kereke ya Pentecostal Holiness Church e ne ya re a ntsha lefoko la kgothatso a bolela fa Jehofa a utlwa ebile a bona mme a neela phuthego lokwalo la Ditiragalo wa bobedi.

Moruti Lesole o tlhalositse gore batho ba tshwanetse go rapelela lefatshe leno ka tlhoafalo ba itebagantse le malwetsi a a senang kalafi le dikgwetlho tse dingwe tse di apesitseng lefatshe leno, jaaka dipula tse di boutsana le tse dingwe.

 A re Modimo o tlaa utlwa selelo sa morafe mme o fodise lefatshe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Oct 2015