Breaking News

Ba rotloediwa go lema mabele

02 Oct 2015

Balemi ba Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba kgothaditswe go lema mabele ka bontsi ka jaana dipatlisiso di supile fa a kgona go itshwarelela mo dipakeng tsa leuba go na le dijalo tse dingwe jaaka mmidi le dinawa.

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Takatokwane bosheng, molemisi mo motseng oo, Rre Ditiro Bolepya a re ka jaana go setse go tlhalositswe fa lefatshe leno le tla bona dipula tse di boutsana mo pakeng eno ya temo, balemi ba ganelele thata ka fa temong ya mabele.

O tlhalositse fa balemi bangwe ba supa fa ba tshaba diji tsa mabele di tshwana le dinonyane, mme a ba kaela fa go ganelela thata ka fa temong ya mmidi monongwaga go tlaa seke go ba tswele mosola ka jaana mmidi  o sa kgone go itsetsepela mo letsatsing. 

O kaile gape fa  mabele a santse a  na le mmaraka  o montsi .

Rre Bolepya a re go a tshwenya gore mo nakong eno  lefatshe leno le bo le santse le reka dijo tse di tshwanang le bopi jwa mabele le mmidi kwa mafatsheng a sele le mororo puso e ntshitse mananeo a go lemela balemi mahala jaaka la ISPAAD, ka jalo a gwetlha balemi go ikitaya ka thupana.

A re gore molemi a bone dipoelo kwa masimong go tlhokana le tlhokomelo e e tseneletseng morago ga temo, a tlhalosa fa a lemogile gore bontsi jwa bone morago ga go baya ditema ba boela magaeng, a supa fa temo e tlhoka lorato le tlhokomelo.

Rre Bolepya o ne gape a kopa balemi go kwadisa thobo ya bone ka jaana seo se ka thusa lefatshe leno go ikala gore le ntsha dijo tsa selekanyo se se kae, mme a kaya fa bontsi bo santse bo le maoto a tshupa go dira jalo.

E ne ya re mo dikakgelong tsa bone, balemi ba supa fa ba kgobisiwa marapo go lema mabele ke ntlha ya gore ba Botswana Agricultural Marketing Board ba a reka ka tlhwatlhwa e e kwa tlase fela thata, ka jalo ba bona go le botoka go itebaganya le go lema mmidi le dinawa ka ke tsone di nang le dipoelo.

E rile a leboga mo phuthegong eo, kgosana Noki Mothware a re ba amogela dikgang tse dintsi tsa majo a leruo mo motseng wa Takatokwane, mme a gakolola balemi go tsibogela go ikopela lenaneo la kagelelo masimo le e leng karolo nngwe ya la temo-thuo la ISPAAD  go agelela masimo a bone.

A re go ngomola pelo gore e re puso e tshwere ka thata go tokafatsa temo-thuo bangwe bone ba bo sa tlhokomele leruo la bone ba le tlogela le saila kwa masimong ka nako ya temo, selo se a reng se folodisa maiteko a puso a go thusa Batswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Oct 2015