Ditiro tsa nakwana di seka tsa tsewa lolea
02 Oct 2015
Modulasetilo komiti ya ditlhabololo ya Tutume Rre Ronald Samu a re ditiro tsotlhe go balelwa letsa nakwana di botlhokwa jalo di tshwanetse go tsewa tsia tsotlhe.
Rre Samu a re tikologo ya tiro e tswanetse go nna le seriti, babereki ba boife le go ikobelana ka go tlhatlologana ga maemo a bone a re go senneng jalo tiro gae kake ya tswelela sentle.
Modulasetilo o ne a gatelela ntlha e e reng a ditiro tsa nakwana le tsone di tsewe ka tlhwaafalo go tiisitswe moko. O ne a bua ka ditiro di tshwana le mananeo a Ipelegeng, Tirelo Setshaba le a mangwe fela jalo a nama o sa tshwere.
A re fela jaaka tiro ya sennela ruri ditiro tsa nakwana di na le melao le mokgwa o di dirwang ka one. Modulasetilo o ne a ntsha matshwenyego tebang le go tlhaediwa matlho ga ditiro tseo.
O ne a nankola diemo di tshwana le go tlhokela boeteledipele tsebe ga babereki. A re seo ga se jese di welang ka se baya boeteledipele ka fa mosing.
O ne a tswelela ka gore lenyatso ke segai se se ntlha pedi, a re fa mmereki a nyatsa moeteledipele wa gagwe seo se baya tiro ya gagwe mo diphatseng, go sa le foo le moeteledipele o kgona go tlelwa ke itlhobogo mo tirong a ipona e se moeteledipele yo o rileng.
A re lenyatso le busetsa tiro kwa morago.
Modulasetilo o ne a kaya fa ba na le ditiro di le mmalwa tse ba di kgonneng ka tsone ditiro tsa nama o sa tshwere segolo bogolo ka lenaneo la Ipelegeng, o ne a tswelela ka gore mme ba eletsa thata go ka bona go tla ka tse dingwe go tiisa le go tsholetsa motse wa bone. O ne a tlatsa ka gore, mme seo se ka direga fela fa go na le tirisano mmogo ga re ga badiri le bathapi.
A re fa seo se retela ditlhabololo di tlaa pala go goroga mo bathong le ntswa puso e thusa metse yotlhe mo Botswana.
Rre Samu o ne a bua ka go tlhoka didirisiwa e le nngwe tsela e e busetsang tiro kwa morago, a re go sa le foo mo dipakeng tse dingwe babereki ba patelesega go ikadima tsa bone kwa gae gore ba leke go tsweledisa tiro a re mme fela fa di senyega go bowa go busetsa bone babereki kwa morago.
A re se sengwe se se ba diitsang e le boeteledipele ke boitseme jwa babereki sa bone e le go tsaya ditlotlo ba sa dire ka natla.
O ne a tlhalosa gore mme mo go tsibogeleng mangwe a matshwenyego ao ba leka ntlha tsotlhe le go tswa ko go ba bogosi.
Modulasetilo o ne a re ba dira seo gore magosi a bue ka lentswe le le tsholetsegileng ka bomosula jwa go nna tlhaga le maikemisetso mo tirong.
O ne a tlhalosa gore nako ke selo se se botlhokwa ka dinako tsotlhe babereki ba tshwanetse go itse gore e salwa morago e bile e a obamelwa eseng go itirelwa boithatelo mo go tlaa feletsang go baka gore ditiro di tlogelwe ke nako.
Fa a mo tswa kgaba Mme Gosalamang Baliki o ne a tlhalosa gore ditiro tsa nama o sa tshwere di boloka matshelo a Batswana, fa a bua a remeletse mo bananengo ne a re ke selo se sentle ka jaanong seo se ya go ba kgapha mo methaleng ya bosula le timelo.
O ne a re ditiro tsa Ipelegeng di tsisa pharologanyo mo motseng le mo matshelong a batho.
Mme Baliki yo e leng mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo o ne a re go a itumedisa fela thata ka maiteko a bone a tlogela motlhala o o bonalang.
A re dipaakanyo di tshwana le tsa mebila e e yang masimo e atlega ka maemo a a nametsang.
O ne a re modi wa go tshegetsa tiro ya sennela ruri ke fa go na le kutlwano mo tshabeng. Fa a rotloetsa ba bangwe o ne a fa bokao ka lenaneo la Tirelo Setshaba gore le thusa thata mo dikoleng seo se thuse masea a mo dikoleng go tlhatlosa maduo.
O ne a re puso ya Botswana e itse go belega tshaba ya yone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 02 Oct 2015






