Komiti e akgolelwa mowa o montle
02 Oct 2015
Komiti ya ditlhabololo tsa Thabala mo kgaolong ya Legare e akgoletswe mowa o montle wa kgatelo pele go tsisa ditlhabololo mo motseng wa bone.
Kakgolo eo e dirilwe jalo ke Kgosi Abel Kgaboyarona wa motes oo mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng.
A re komiti eo e gatetse pele mo go lereng ditlhabololo tsa motse, ka jaana e weditse kago ya leobo la kgotla, le le emetseng go bulwa semmuso kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi.
O tlhalositse fa komiti e ne e aga leobo le ka mowa wa boithaopo le boipelego ba tshwaragane jalo le morafe selo se a rileng se a eletsega mo setshabeng.
Ka jalo kgosi a re mowa o wa boipelego ke o ba tshwanetsweng ke go o akgolelwa ka jaana e le sesupo sa fa ba lemoga fa puso e ka se nne e ba tswa thuso mo sengweng le sengweng ka jaana e santse e lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi.
A re gape tiro e ke sekao mo Batswaneng gore fela fa mowa wa tshwaragano le popagano o rena mo go bone ga go pale sepe gore ba ka itirela ditlhabololo tsa metse ya bone. O tladitse ka gore go nna le maikemisetso a go isa pele motse mo ditlhabololong ke konokono ya katlego.
Kgosi o tsweletse a tlhalosa fa leobo le le tlaa ba thusa go tshwara diphuthego tsa motse mo go lone ba sa kgorelediwe ke sepe.
O boletse fa e ne e re go le diemo tse di sa iketlang tsa bosa jaaka go le dipula ba kgoreletsege go tshwara ditiro tsa kgotla di akaretsa diphuthego le meletlo ya kgotla mme jaanong se e tlaa nna selo sa maloba. A re komiti eo e tshela mowa wa boipelego thata ka jaana e dirile go le gontsi ka go itshimolela kgwebo ya go foroma ditena e di rekisetsa batho.
O ne a tswelela a re selo se ke leano le le molemo ka le na le letseno le le nametsang la dipoelo mme seo se ba thuse go tlhabolola motse ga mmogo le go bulela banni ba motse diphatlha tsa mebereko.
A re gore go foromiwe ditena tseo le go di nosetsa go thapiwa bangwe ka jalo ba bone lemme mme le ba thuse go oba letsogo.
Kgosi Kgaboyarona o ne a kgothatsa komiti eo gore jaaka e le tshwanelo ya bone go bona gore motse wa bone o a tlhabologa ba tswelele ba tshware fela jalo a tlhalosa fa leina le lentle le itirelwa.
E re dikgang di eme jalo kgosi o bile a kgothatsa dikomiti tse dingwe tsa motse go tsaya malebela a re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : Thabala
Event : Potsolotso
Date : 02 Oct 2015






