Thuto ka thuo ya dipodi e botlhokwa
02 Oct 2015
Thuto e botlhokwa mo thuong mo metlheng ya gompieno. Go tlhalositse jalo Mme Janee Tzirongo, morui wa dipodi kwa morakeng wa Polokabatho gaufi le Maun.
Mme Tzirongo o buile mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA,a tlhalosa fa thuto ya dipodi, e a e bonyeng morago ga go tsena dithuto tse di neng di rulagantswe ke ba temo-thuo e mo thusitse. O tlhalositse fa dithuto tseo di mo tsere tema mo thuong ya dipodi tse a dikileng a di rekile ka lenaneo la LIMID.
A re o ne a sa itse fa dipodi le tsone fela jaaka dikgomo di tshwanetse go kentelwa malwetse ka go farologana gammogo le go tipiwa.
Mme Tzirongo a re ene o ntse a itse gore dipodi di nwa metsi kwa nokeng, di fula mo nageng mme morago di tlhatlhelwe fa letsatsi le dikela.
O tladitse ka gore monoto mo dipoding, ke one fela o a neng a tle a o kgaole ka thipa fa podi e setse e palelwa ke go tsamaya.
A re o ithutile gore go na le sedirisiwa se se diretsweng go kgaola menoto se sa gobatse seruiwa.Mme Tzirongo o tlhalositse fa jaanong a itse gore dipodi tsa gagwe di tlhoka go nosiwa molemo o o tshwanetseng go fema go tsenwa ke dibokwana mo maleng tse di bakwang ke go nwa metsi a dinoka.
A re gape o ithutile gore dipodi tsa gagwe o tshwanetse go di tipa go itsa dinta le bosae jo bo nwang madi a seruiwa mme se nne ka go kgokgontshega.
Mme Tzirongo o boletse fa jaanong dipodi tsa gagwe di nonofile fela thata, e bile di kgatlha.
A re o itlamile go lema nawa ya lablab monongwa fa pula e phaila go jesa dipodi tsa gagwe. Le yone a re o ithutile fa e na le dikota tse dintsi mo dipoding e bile e nonotsha mmu.
O tlhalositse gape fa a ithutile go babalela dipodi tsa gagwe ka go di agela lesaka ka terata e e siameng e seng matlhaku kgotsa terata e e mitlwa.
A re o lekola dipodi tsa gagwe fa di bolola le fa di goroga letsatsi le letsatsi. Mme Tzirongo a re gape o itiretse bukana e a kwalang palo ya dipodi le dipotsane tsa gagwe.
Mme Tzirongo o gwetlhile barui ba dipodi go di tlhokomela fela thata, a re dipodi di bogadi bo gaufi fa lorato le tlhokomelo di tsepame.
O tladitse ka gore theko ya dipodi e a nametsa fa go tshwantshanngwa le dikgomo, a tlatsa ka gore dipodi tsone di botoka di kgona go itepatepanya le seemo mme di falole leuba.
Godimo ga moo, Mme Tzirongo o kopile puso go rekisa didirisiwa tse di kgaolang menoto le dinaka mo marekisetsong a melemo a lephata la temo-thuo (LAC).
A re seo se ka thusa barui mo go tsamaeng sekgele se se leele go batla dilo tsa mohuta oo.
Mme Tzirongo yo a neng a buwa a tlhapile sefatlhogo, a re dithuto tsa gagwe ga di na go wela fa fatshe e bile di mo tlhagafatsa letsatsi le letsatsi go nna le lerato mo thuong ya dipoding tsa gagwe. A re le ene fela jaaka barui ba bangwe o ikemiseditse go thusa puso ngwaga o o tlang ka go rekisetsa ba ba akotseng mananeo a go rekelwa dipodi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : Polokabatho
Event : Potsolotso
Date : 02 Oct 2015






