Ba lemoga ba-na-le bogole
02 Oct 2015
Go supagala fa Batswana ka bonya ba lemoga gore ba-na-le bogole le bone ke batho ba ba ka thusiwang.
Mafoko a a boletswe ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba Rre Molemi Rakgomo, jaaka a ne a amogela baeng kwa mogwantong ka mafelo a beke, o o neng o rulagantswe ke ba lephata la Dikago, Boranyane le Boitsaanape.
Mogokgo wa sekole sa Ramotswa Centre for Deaf mme Tlhalerwa, o ne a supa fa sekole seo se tlhokomela bana ba ba sa buweng le ba ba sa utlweng, go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe leno.
O tlhalositse fa bana ba batla ba na le dingwaga tse tharo, mme ba simolole go rutwa maina a bone ka jaana ba a bo ba sa a itse, ba tsene sekole go fitlhela ba fetsa lekwalo la bosupa.
Mme Tlhalerwa o supile fa bana ba ba sa dire sentle ka ba dira dithuto tsotlhe tse balekane ba bone ba di dirang, a supa fa bana bao ba rutwa go bua ka diatla, mme go na le kgwetlho ya gore mafoko a mangwe ga a yo, mme ba tshwanelwa ke gore ba dire tsotlhe gore ngwana a tlhaloganye se ba se mo rutang.
O tlhalositse fa kgwetlho e nngwe e le gore bana ba ba tswang kgakala batsadi ba bone ga ba kgone go ba tlhola, bangwe ba kgona gore ba seka ba tlhola ngwana go fitlhela a bo a fetsa dithuto tse dipotlana.
Tona wa dikago, boranyane le boitsaanape Rre Nonofo Molefi, o tlhalositse fa ba ne ba lemoga kgwetlho ya sekole seo fa ba ne ba isitse ditirelo kwa go sone, mme ba tsaya tshwetso ya go se ikabela, a supa fa ba ne ba dira mogwanto o o duelwang gore ba tle ba thuse ka ditlamelo tse di tlhokiwang koo.
O kopile boradikgwebo le Batswana ka bongwe, go ba thusa ka se ba ka se kgonang, mme a supa fa bone ba tlaa thusa ka dikitso le diatla tsa bone.
O lebogetse ba seromamowa sa Gabz FM, ba a supileng fa ba thusitse thata ka go gasa molaetsa.
Mongwe wa barotloetsi ba tiro e bile e le mogwebi Rre Seabelo Tlhaselo, o supile fa a setse a segetse tema kwa pele ka go pega ba-na-le bogole mahala mo dibaseng tsa gagwe, a bo a supa fa a setse a hirile ba le bane ba a supileng ba dira tiro ka manontlhotlho.
Rre Tlhaselo o supile fa a itlama go ntshetsa tiro eo madi a P5000. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ramotswa
Event : Mogwanto
Date : 02 Oct 2015






