Breaking News

Banana ba kgothadiwa go fetola maitsholo

02 Oct 2015

Banana ba lefatshe leno ba kgothaditswe go fetola maitsholo a bone mabapi le tiriso ya nnotagi ka jaana e le nngwe ya dilo tse di kgoreletsang  tswelelopele ya bone mo botshelong. 

Kgothatso e e dirilwe jalo ke molomaganyi wa botsogo ja tlhaloganyo, Mme Malebogo Motsokono kwa dithutong tsa botsogo tse di neng di rulagantswe ke ba lephata la banana, metshameko le ngwao bosheng mo Serowe. 

Maikaelelo magolo a dithuto tse e ne e le go tla go amogana maele le dikitso ka dikgang tse di amang banana le setshaba ka kakaretso. 

Mme Motsokono o boletse fa banana e le bone babusi ba kamoso ba lefatshe leno, ka jalo a ba kopa go ipetlela ditsela tse di molemo tsa botshelo go sa ntse go na le nako. 

O tsweletse a tlhalosa fa nnotagi e le nngwe ya dilo tse di botlhabetsi mo katlegong ya botshelo jwa motho mo isagong, a tlatsa gape ka gore nnotagi ga e a siamela botsogo ja motho fa e se go mo tlogelela makoa fela. 

Ka jalo, a re banana ba inaakanye le dilo tse di tlaa ba sologelang molemo mo botshelong. Mme Motsokono o ne a tlhalosa fa maitsholo a a eletsegang mo setshabeng a a fa motho seriti mo botshelong jwa gagwe.

O bile a ba kgothatsa go inaakanya le mananeo a puso e a beileng pele go tlhabolola matshelo a Batswana ka go ba inola mo lehumeng.

A re mananeo a tshwana le a lephata la banana, metshameko le ngwao le a ntshitseng a diretswe bone, ka jalo go le mo maruding a bone go bona gore ba ikemela ka dinao go a akola.

Go sale foo mme Motsokono o kgadile a sa kgwe mathe go ikgapela botshelo ga banana ba lefatshe leno.

A re fa motho a na le mathata kana a tlhokile kutlwisisano le yo mongwe o tshwanetse go kopa thuso mo go ba ba lebaneng ba tshwana le ditsala tse di ikanyegang, ba bogosi, ba sepodisi ga mmogo le ba boipelego.

E ne ya re fa a tswa la gagwe mookamela mananeo a banana mo kgaolong ya Legare Mme Thato Motswakwa a bolela fa ba ofisi ya banana, metshameko le ngwao ya kgaolo ya gagwe ba tshwenyegile thata ke dikgang tse di amang banana le setshaba ka kakaretso.

A re gareng ga tse dingwe ba tshwentswe ke dikgang di akaretsa tiriso botlhaswa ya nnotagi le dikgang tsa tlhakanelo dikobo.

Ka jalo a re ba bone go le maleba gore ba rulaganye letsatsi le tshwana le le gore ba kopane le banana ba ba sedimosetse ka ditsela tse di ka ba thusang go fetola maitsholo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : Serowe

Event : Dithuto

Date : 02 Oct 2015