Botho bo simolola kwa lwapeng
02 Oct 2015
Botho jo bo siameng bo simolola kwa lwapeng gore ngwana a tswe motho yo o nang le boikarabelo ka moso.
Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Mothusi Tsetse wa Otse fa a amogela batsaya karolo mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya Ramotswa Rre Samuel Rantuana.
Kgosi o kopile borre ba ba tshelang le bomme ba sa ba nyala go seke ba itebala le gone go se rontshe bana ditshwanelo tsa bone, ka go netefatsa gore ba dira dilo ka fa tshwanelong gore e re fa mongwe wa bone a tlhokafala, dithoto tsa bone di seka tsa lwelwa.
Kgosi Tsetse o kopile bana ba basimane ba ba tsamayang ba digile marokgwe go tlogela mokgwa oo, ka jaana e le mokgwa o o maswe wa magolegwa a mafatshe a moseja.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la mesepele le boagedi kwa Lobatse mme Legone Magazine, o ne a ba lekodisa fa lephata la gagwe e le leitlho la lefatshe, le dira ka go fa batho dipasa, go netefatsa gore batho ba ba tsenang ba tswa mo mafatsheng a sele ba tsena ka ditsela tse di siameng le gone go dirisa dipasa tse di tshwanetseng, le bone bao ba tswang mono gore ba dirisa ditsela tse di siameng go tswa le go tsena mo lefatsheng leno.
O tlhalositse gape fa ba thusa batswakwa ba ba ikopelang boagedi mo lefatsheng leno, le go ntsha bao ba ba nnang mo lefatsheng leno ba sena diteseletso.
O tlhalositse fa mefuta ya dipasa e le meraro, e le e e dirisiwang ke matona a puso, e e dirisiwang ke batho fa ba le mo tirong le e e dirisiwang ke botlhe.
O boletse fa dipasa tseo di farologana ka madi, le gone gore o e tsaya ka tsela e e ntseng jang, a bo a tlhalosa fa pasa ya ngwana yo a tsholwang go ya kwa dingwageng tse di lesome le borataro e dirwa ka P100. O tlhalositse fa pasa ya botlhe e dirwa ka P260, mme e o batlang go e tsaya tsatsi lone leo e dirwa ka P500.
O kopile Batswana go babalela dikano tsa bone, ka jaana e na le go sutlhega fa ba e berekisa ba sa e babalele, mme se se ame go ntshiwa ga dipasa tsa bone ka dikano tsa bone di na le go farologana le tsa Omang.
Mme Magazine o ba kopile gape go somarela dipasa tsa bone ka jaana fa di latlhega motho a ka lopiwa madi a P1000, mme go sa balelwe le a a dirang pasa ka one.
O tlhalositse fa teseletso ya motswakwa go bereka mo lefatsheng leno e le P1500, a bo a tlhalosa fa ngwana yo a tshotsweng ke Motswana le motswakwa a akola boagedi jwa mafatshe oo mabedi go fitlhela a tshwara dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe, mme go le botlhokwa gore e re a tloga a tshwara dingwaga tseo a itlhophele gore o batla go nna mokae, go itsa madiadia fa a setse a digetse dingwaga tseo.
E rile a tswa la gagwe mopalamente Rre Samuel Rantuana, a tlhalosa fa bana ba tloga ba kwala ditlhatlhobo, mme go le botlhokwa gore batsadi ba ba eme nokeng go ba bontsha botlhokwa jwa thuto.
O supile fa go na le matshwenyego a bana ba ba tshwarwang ba goga motokwane kwa sekoleng sa Moeding, a bo a kopa batsadi ba ba rekisetsang bana motokwane go tlogela go dira jalo ka ba ba senyetsa bokamoso.
Mopalamente o ne a le mo loetong lwa go lekodisa banni ka tsa palamente e e fetileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Otse
Event : Phuthego
Date : 02 Oct 2015






