Breaking News

Lentsweletau o babaletswe ke letlhoko la madi kgosi

28 Sep 2015

Kgosi Tau Makgasane wa Lentsweletau a re kwelotlase ya itsholelo e e bakileng letlhoko la madi le le itemogelwang ke lefatshe leno e amile motse wa bone ka mashetla.

E rile a buisanya le BOPA bosheng, Kgosi Makgasane a tlhalosa fa sengwe le sengwe se se amanang le ditlhabololo mo motseng wa Lentsweletau le metsana e okametsweng ke one di eme ka lone lebaka la letlhoko la madi.

O kaile fa e rile dingwaga e santse e le tse di namagadi, ba nna le ditsholofetso tsa ditlhabololo dingwe, mme ka go tlhoka lesego go sa kgona go diragatswa dipe. 

A re motse wa bone o ne o tlhomilwe go nna boremelelo jwa kgaolo potlana, mme ka gone go tlhoka madi ga puso, motse o  rotswe mamemo ao, go setse fela ka diofisi tsa bodiredi tse a kayang fa le boleng jwa tsone bo sa itumedise ka bo tlhaela. 

Kgosi Makgasane a re tsela e tswang mo Lentsweletau e ya Molepololeke e e tswang kgakala e le mo seemong se se sa ba itumediseng, ke yone e berekang thata ka ba e dirisa go ya go tsaya ditlamelo tse tsotlhe ba di tsayang kwa Molepolole, ka jalo e tlhoka go tsibogelwa e tsenngwe sekontere. 

Go ntse go le foo, Kgosi o tladitse ka gore go na le letlhoko la kokelo potlana le sekolo se se golwane. 

A re sekolo se se golwane sa bana ba mophato wa bongwe go ya kwa go wa boraro se se leng teng sa Motswakhumo Junior Secondary School se tsaya bana  go tswa mo dikolong tse di potlana di le masome le botlhano go tswa mo Lentsweletau le metsana e mabapi.

“Fa ba aloga mo mophatong wa boraro, bana ba tsweledisa dithuto kwa dikolong di tshwana le Mogoditshane Senior Secondary, mme bangwe ba ye bokgakala bo tshwana le Goodhope Senior Secondary,” Kgosi a tlhalosa.
Mo go tse dingwe, Kgosi Makgasane o kaile fa a sa jesiwe diwelang ke dipalo tse di kwa tlase tsa dikgwebo tsa banana. 

A re o itemogetse gore bana ba ba sa itewang seatla ba ikgaphela kwa thoko ka lebaka la go sa tlhaloganyeng mananeo ka go farologana ga one, mme ba tseye gore ke a ba ba rutegileng fela.

Kgosi Makgasane a tlatsa ka gore fa ba bitsa diphuthego tsa bana re tshwaragane le ba lephata la banana, ba ba sa tsenang dikolo kgotsa ba sa kgona go wetsa dithuto tsa bone, ga ba tsenelele diphuthego tse.

O weditse ka gore dithuto tse di tseneletseng ka mananeo a banana di a tlhokafala gore banana ka kakaretso ba a tlhaloganye sentle, e bile ba ba sa itewang letsogo ba se tlelwe ke boitlhobogo ka ba ka tswa ba na le dikitso le ditalente tse dingwe tse ba ka di dirisang mo dikgwebong.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Bakgoeng

Location : Lentsweletau

Event : Potsolotso

Date : 28 Sep 2015