Breaking News

Kapari e kaya ngwao

28 Sep 2015

Kapari ke nngwe ya dilo tse di kayang ngwao mo merafeng ka go farologana.

Se se builwe ke Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estates ka letsatsi la go ipelela ngwao kwa lekeishaneng la Statellite South bosheng.

O tsweletse a re kapari ke sekao se se supang gore morafeo ke ofe,  o tlholega kae jaaka merafe ya mafatshe a Swaziland, Lesotho  e e  bonwang ka kapari ya yone. O kopile puso ya lefatshe la Botswana go nna le yone kapari ya go nna jalo e e tlaa farologanyanag Batswana ditshabeng tse dingwe.

Kgosi Motshwane o supilefa Batswana bangwe ba latlhegetswe ke ngwao , a tlatsa ka gore meletlo e tshwana le ya go ipelela ngwao,a bana le bone ba fiwe monyetla go tla go ithuta ka tsa setso. A re ngwao e ka nna dijo, mmino,ebile ke nngwe ya tse di ka okang bajanala mo merafeng ka go farologana.

Kgosi Motshwane o tlhalositse fa dingwao di farologana mo merafeng, le fa go ntse jalo a re  se se tshwanetse sa kopanya batho go nna ditshaba tse di kitlaneng.

“Ga go na ngwao e ebotoka go feta e nngwe, dingwao di tshwana fela,’’ga bua jalo Kgosi Motshwane. A re Batswana ba setse ba simolotse go ikgakologelwa ka go tsaya ngwao tsia ba rotloediwa ke mafoko la tebelopele a a neng a buiwa ke Tautona wa ntlha wa lefatshe leno Sir SeretseKhama a re tshaba e se senang ngwao ke mokang e latlhegileng.

O supile fa ngwao e dirisiwa go aga malwapa, go kgaoganya dilwana tsa boswa, go batla ngwetsi le gone go letlanya batho kwa kgotleng ya Setswana.

Kgosi Motshwane o rotloeditse Batswana go sekaseka tse di molemo tse di mo ngwaong go di tsenya mo tirisong.

Fa a tswa la gagwe Molaodi wa kgaolo Mme Cordelia Mpape o supile fa lefatshe leno le le tsweletse ka go tsaya tebelopele go tswa ka ngwaga wa 2016 go yapele. A re ba setse ba simolotse ya bone tebelopele e e bidiwang Francistown Vision 2022.

Mme Mpape o tlhalositse gore tebelopele ya toropo eo e tlaa nna nngwe mme e tshwaragane le morafe wa Francistown. O tlhalositse gore fela jaaka tebele-peleya 2016 e na le matshego a le supa le bone fela jalo ba na le matshego a le matlhano  a asupang go gokaganya bagwebi mo toropong gore itsholelo e gole.

O tsweletse a re letshego le lengwe le supa fa ba le toropo e e nang le kitso, bokgoni go nna toropo e  e tshwanetseng.

Mme Mpape o kopile morafe go tshwaragana le go dira mmogo go fitlhelela ditoro tsa bone tsa tepelopele ya toropo ya Francistown di atlega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Francistown

Event : Ipelelo ngwao

Date : 28 Sep 2015