Breaking News

Mokgalo wa ga Khama o tlhokometswe

28 Sep 2015

Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama o rile tshaba e  senang ngwao  e a bo e latlhegile mme motsogapele ene a re phokoje yo o kwa morago dintsa di a bo di mmonye, mme ba Kedia ba tsweletse ka go supa fa ba eletsa go bona Tautona wa pele a le motlotlo ka bone golo a go robetseng,ka a tlhokometse ditso.

Ba dira seo ka tlhokomelo ya Mokgalo wa ga Khama, o o fitlhelwang  dikhilomithara di ka nna lesome le bosupa kwa bophirima jwa  Kedia mo kgaolong ya Boteti. 

Ditso di supa fa e rile ka dingwaga tsa bo 1860 Khama  wa ntlha le monnawe ebong Tawana wa ntlha  ba ba neng ba nna fa thoko ga mogobe wa Xhamkaxhao ba simolola go lwela bogosi.

Go bolelwa fa Tawana a ne a sia Khama mme ya re a mo lelekile a tshwarwa ke setlhare sa mokgalo mo leitlhong ke mokgalo o o neng ol e mo teng ga mogobe. 

Tawana o ne a solofetsa mogolowe go mo golola mo botshwarong jwa mokgalo fela fa a ka mo tlogela a nna kgosi, mme gatwe Khama o ne a gana,a supa fa a ka se busiwe ke mmotlana mo go ene.

 Go tlhalosiwa fa Tawana a ne a tlogela Khama mme a tla a thusiwa ke mosadi mongwe wa mofeti ka tsela.

Go ya ka mmereki wa lephata la tshomarelo matlotlo a tlholego e bile e le motlhokomedi wa bajanala mo  Kedia Mme Gaseope Molepo,lefelo le le tswa kgakala le sena tlhokomelo,a bua se a supa ‘mokgalo wa ga Khama’ o mo nakong ya gompieno o medileng setlhare sa mophane.

 Fa o tsholetsa matlho go se go nene go bonala mantswe a a tlhomaganeng a dira mola o go bolelwang e ne e le tsela e e yang fa kgotleng,mme kgotla le yone le fa e setse e onetse e a bonala.

Mme Molepo a re mo maikaelelong a go somarela matlotlo le ditso tsa Botswana komiti ya baokamedi ba tsa tlholego ba Kedia e e gogiwang ke Rre Kenosi ba ne ba ikopela madi a go thusa go tlhabolola le go tsosolosa lefelo leo. 

O tlhalositse fa mopalamente wa pele wa Boteti Rre Lebonaamang Mokalake a ne a ba abela didirisiwa tsa go agelela mme ba fetola terata le ba Ipelegeng ka ba ne ba batla e diphologolo di ka se e tlhageleng,mme ba agelela ka yone,ba tsenya heke le selotlele kwa kgorong.

O tsweletse a supa fa kompone ya moepo  wa teemane mo Orapa e ba file madi a  a kanang ka  P142 000 e le a kago ya matlwana a boitiketso le a botlhapelo,tlhabololo ya sediba se go tlhalosiwang fa se fitlhetswe go bapa le kwa mokgalong le go rengwa ga tsela ya dikoloi. Mme Molepo o boletse fa matlwana a boitiketso a setse fela ka go pentiwa,go gokelwa metsi le go tsenngwa digalase tsa matlhabaphefo a mabedi a a neng a tlhaetse.

O ne gape a supa fa ba lephata la tshomarelo dinonyane ba abetse motse wa Kedia madi a a tlhalositseng fa a se mo seemong sa go bua tlhwatlhwa ya one gore ba thibe gotlhe mo go neng go sa lekana mme a mangwe a isiwe kwa thekisong ya lecha la Xau,le go reka mekoro e e ka hirisediwang bajanala go ijesa monate mo lecheng leo. 

A re ba solofetse bajanala ba ba tsamayang ka mekoro mo metsing ba go supiwang fa ba simolotse loeto lwa bone ko lefatsheng la Angola go khutlisa mosepele wa bone mo lecheng la Xau.

Mme Molepo o tsweletse ka go supa fa motse wa Kedia o humile matlotlo a tlholego a a tlhokang go bontshiwa bajanala  e le tsela ya go rekisa lefatshe la Botswana,a tlatsa ka gore “lenao la ga Kwalabe’ le le bonwang sekgele sa dikhilomithara di ka nna masome mabedi le botlhano kwa bokone-bophirima jwa  Kedia le gomagomediwa ke tatlhegelo ya boleng ka le sena tlhokomelo.

Fa a wela,Mme Molepo o supile tlhobaelo ya gore go tlhoka tshireletso le tlhokomelo ya matlotlo a tlholego go tlaa tsala gore ngwao le ditso tsa lefatshe le tse di nonneng di felele mo phefong mme bana ba ba tlang kwa morago ba gole ba sena kitso. 

A re bagolo ba rute bana ditso le mosola wa tsone gore Botswana a fitlhelele letshego la Tebelopele ya 2016 la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Tachila Kayawe

Location : Kedia

Event : Potsolotso

Date : 28 Sep 2015