Banana tlhokomelang bana ba lona
28 Sep 2015
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekolo se se potlana sa Moiyabana o rotloeditse batsadi ba banana go tlhokomela bana ba bone ka go dira jalo go na le kgotlhatso mo thutong ya ngwana.
Mme Banabothe Bolane o tshwaetse se ko bokopanong ja komiti bosheng.
O ne a re go ikgatholosa seemo se ngwana a tlang sekolong ka teng go a tshwenya, mme ebile go ama thuto ya ngwana.
Fa a buisa batsadi Mme Bolane o ne a re go supagetse fa banana ba le bantsi ba sena thokomelo e netameng mo baneng ba bone. O ne a gatelela a re ba tshwentswe ke seemo se bana ka bontsi ba yang sekolong ka paka e se phepa le bone ba sa lebege ba tlhapile.
A re se, ke matlhabisa ditlhong go bona ngwana wa monana a sa supe fa mmaagwe e le motho yo o santseng a ka kgona go nna le tlhokomelo e e tletseng mo ngwaneng wa gagwe. Mme Bolane a re bana ba tshwanetse go fiwa lorato ke motsadi gore ba ithute mo go ene.
A re batsadi ba tshwanetse go netefatsa gore bana ba phakela ba ya sekolong ba jele e bile ba le phepa. Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekolo mme Caroline Tsopana a re ba tshwenngwa ke go fudusiwa ga bana ba ya dikolong di sele.
Mogokgo a re go fudusiwa ga bana go ama thuto ya bone ka jaana ngwana a kgona go fudusiwa mme e re morago a busetswe gape mo sekolong seo, mme se se kgoreletse thuto ya bone ka ngwana a tshwanela go tlwaela lefelo le lesha.
Fa a akgela, motsadi mme Mpho Modise one a kopa mogokgo gore ba sekaseke le go fudusiwa ga barutabana, ka le gone go ama bana, ka gore go kgona go tsisiwa morutabana yo o bofefo gona le wa pele.
Fa a ntsha lefoko la tebogo Mme Gloria Katse a re ga go a tshwanela go lebiwa go palelwa ga bana fela mme le ga batsadi go lebiwe, ka motsadi o kgona go palelwa ke go ntshetsa ngwana madi a tlhokwang ke sekolo, mme a re selo se ke go palelwa mme batsadi ba tshwanelwa ke go iketeetsa.
O lebogetse batsadi go bo ba tsenye phuthego e ka dipalo tse dinametsang, a re se se supa tlhabologo le gone go supa fa e le tshaba e e nang le boikarabelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Precious Ramotlopi
Location : Moiyabana
Event : Bokopano
Date : 28 Sep 2015






