Lontone e roma Nteta kwa Lerala
28 Sep 2015
Reverend Moses Nteta wa kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) o kopile Moruti Bremer Mapii go direla, go ruta le go etelela pele phuthego ya UCCSA mo motseng wa Lerala mo kobamelong le mo tirelong yotlhe ya Modimo.
Fa a tlhoma semmuso Moruti Mapii bosheng kwa Lerala, Reverend Nteta o ne a kopa phuthego ya UCCSA go tshola Moruti Mapii sentle ka lorato le ka bopelotelele le go mo utlwa ba bo ba mo thusa tirelo Modimo e a bileditsweng mo go yone.
Reverend Nteta o ne a kopa Moruti Mapii go goga, go ruta, go laya le go direla phuthego ya gagwe ka lorato.
A re o tshwanetse gape le ene a direle phuthego ya gagwe ka lorato, ka tlhoafalo le ka bopelotelele. O tsweletse a re Morena Modimo ke ene a tla a etelelang Moruti Mapii pele mme ga a kitla a mo latlha ka jalo a seka a boifa sepe mme a nne pelokgale fela.
Fa a bua mo boemong jwa phuthego ya UCCSA mo Lerala, Mme Grace Motsamai o ne a bolela fa Moruti Mapii a nonofile go ka etelela phuthego ya bone mo motseng wa Lerala.
A re Moruti Mapii ke motho yo o lerato e bile a le bonolo ka jalo o na le tshepo e e tletseng ya gore o tla a ba direla a ba a ba fa tsela e e tshwanetseng ya Modimo.
Mme Motsamai o ne a tlhalosa fa ene le ba phuthego ya UCCSA mo Lerala ba le sego ka mo sebakeng se sekhutshwane se ba ntseng ba na le Moruti Mapii pele ga peo ya gagwe ba setse ba ithutile go le gontsi. A re Moruti Mapii o ba rutile tsamaiso le baebele a bolela fa ban a le sebaka se seleele go sena yo o ba eteletseng pele mme a ba ruta baebele.
O ne a tlhalosa fa ba setse ba simolotse ditiro tse ba tshwanetseng ba di dire e le phuthego di tshwana le go tlhola balwetsi mo malwapeng le gone go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Fa a amogela peo ya gagwe, Moruti Mapii o ne a leboga Kgosi wa Lerala Kgosi Sello Moroka go bo a ne a mo amogela mo motseng wa gagwe. A re o ne a nna sego fela thata ka Kgosi Moroka le ene a setse a amogetse Modimo. A re go itse Modimo ga gagwe go simologile a sale monnye mme a tswelela fela a ntse a dumela mo Modimong a itse gore Jesu ke Morena.
Moruti Mapii a re o ne a sa itse gore nako nngwe e tla a bo e le moruti ka a ne a sena toro ya go nna moruti. O ne a kopa ba kereke ya UCCSA go mo ema nokeng gore a tswelele e le morongwa yo o ikokobeditseng wa Modimo. O ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go mo emeng nokeng go fitlhelela a nna mo seemong sa go etelela pele phuthego. Ends
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lerala
Event : Tlhomo ya moruti
Date : 28 Sep 2015






