Breaking News

Lefatshe la temo le a tlhaela

28 Sep 2015

Banni ba motse wa Mokgomane ba kopilwe go busetsa lefatshe la masimo le ba sa le diriseng kwa lephateng la kabo ditsha kgotsa go le adima ba ba nang le kgatlhego ya go le dirisa.

E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng,mogolwane wa lephata la temo-thuo Mme Ikgopoleng Thamae a re, puso e lemogile fa go na le lefatshe le lentsi la masimo le le abetsweng Batswana mme ba sa le dirise, ntswa lefatshe le tlhaela temo e bile le sa lekana go jesa Batswana.

Mme Thamae a re puso e kopa Batswana gore fa ba sa  kgone go dirisa lefatshe , e katswa e le ka ntlha ya bogodi kana mabaka a fe fela, ba le busetse kwa go ba kabo ditsha gore le abelwe ba ba bangwe.

A re ba itse balemi bangwe ba ba batlang lefatshe le ba ka lemelang kgwebo mo go lone mme ba ka ba kopanya l ebeng ba lefatshe gore ba le ba adime mme mong wa lefatshe a solegelwe molemo ka dikatso. A re puso ga e beele beng ba masimo ditlhwatlhwa, a re bobedi joo ke jone bo dumalanang gore bo ka thusana jang.

Le fa go ntse jalo, a re bone ba ka tla ka dikgakololo go tila tlhoka kutlwisisano. Mme Thamae a re fa o busetsa lefatshe ko lephateng la kabo ditsha ga o duelwe sepe,a re ke tshupo ya gore ga o sa  tlhole o kgona go dirisa lefatshe leo, mme fela jaaka o le filwe o sa duele sepe le lone o le busa fela o sa atswiwe.

O ne a araba potso e neng e boditswe ke mongwe wa banni Rre Molosi Tlhomelang a ne a batlile go itse gore fa o busa lefatshe o atswiwa ka eng .

Rre  Kabelo Ramathudi, le ene a le wa lephata la temo thuo a re lenaneo la ISPAAD,le ntshitswe ke puso go ba thusa go tsweledisa temo, ka puso e lemogile fa temo e na le dikgwetlho tse dintsi a re mme mathata a ba kopanang le one ke gore bangwe ga ba a tsenela mo temong go lema mme ba tsenetse bonokwane.

A re batho ba go nna jalo ba rekisa menontshane le dichefi tse ba di phakang selo se a reng ke molato,a re fa ba ka tshwara ope fela a dira jalo o ya go nna sekai mo go ba le bantsi.

A re morago ga letsema lengwe le lengwe ba kopa balemi go bega menontshane, dipeo le dichefi tse id setseng kwa go bone, mme ga ba dire jalo.  O ba kopile gore ba nne le boammaaruri mme ba begele balemisi tseo.

A re puso e dirisa madi a mantsi thata mo menontshaneng e mme Batswana bone ba e tsaa motlhofo ka a re ba e baya mo puleng. Rre Ramathudi o ne a gakolola banni go baya dichefi tse di setseng fa go babalesegileng kgotsa go di busetsa kwa go bone fa di setse kgotsa di sa dirisiwa.

A re mo letsemeng la monongwaga ga gona ope  o o yang go neelwa chefi gore a e dirise a sa rutelwa go e dirisa.

A re chefi e ka tswa e sa gobatse gone foo, mme e ka re mo tsamaong ya botshelo ditlamorago tsa yone di itshupe mme a re maikaelelo a puso ke go thusa le go godisa balemi e seng  goba gobatsa.

Banni ba kopilwe gape go tlhatlhoba mmu wa bone kwa masimo.A re go kgonagala gore molemi a tshele menontshane ngwaga le ngwaga mme dijalo tsa gagwe di sa tokafale, ka jalo, go thathoba mmu go ka thusa go bona gore matsapa di  a tsaya kae. 

Rre Ramathudi a re puso e tshwenyegile thata ka ditema tse di dikileng di lemilwe di sa jalwa,mme a  kopa bo rra diterekere go ikwadisa le go supa le gore ba lemela batho ba le kae.

A re se se tlamile puso go tsenya letsogo go tlisa bo raditerekere mo kgaolong tse di tlhaelelwang ke diterekere,ka ko mafelong a mangwe diterekere di dintsi, gore ba kgone go lema b abo ka jwala.

Rre  Ramathudi o kopile banni go nna teng ka nako tsotlhe fa ba lemelwa go fitlhela go wediwa,a re menontshane e bokete e imela bo raditererkere ka jalo fa o seo  ba a e tlogela. A re ba bangwe ba itseela menontshane bas a e dirise mo tshimong ka go lemoga fa mong wa tshimo a san ne teng.  

O ba kopile gore ba akole mananeo a puso a santse a le teng a re gore e re a fela ba bo ba ba fetogile e bile ba nonofile mo temo thuong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Omogolo Hans

Location : Mokgomane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Sep 2015