Breaking News

Ga ba itumelele kgokgontsho ya bana

27 Sep 2015

Makhanselara a Kgalagadi a supile fa a sa itumelele dikgang tsa kgokgontsho ya bana tse di tsweletseng ka go begwa mo kgaolong.  Ba buile mafoko a mo phuthegong ya khansele e e simolotseng bosheng.

Ba boletse jalo fa ba ne ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele eo Rre Justice Nkwane yo o neng a tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontsho ya bana le petelelo di tshwenya mo kgaolong. Modulasetilo o tlhalositse fa kgokgontsho ya bana bogolo jang ba basetsana e sa jese diwelang mo kgaolong.

A re go na le dikgang tse supa tsa go robala le bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga le tse thataro tsa petelelo, a re se ke sesupo sa gore molao wa bana wa 2009 ga o obamelwe. O ne a kgothatsa ba-n a -le- seabe gore ba dire ka thata go netefatsa gore seemo seo se a fetoga.

O tsweletse a tlhalosa gore go na le madi a a fiwang ba-na-le-bogole le mananeo a a itebagantseng le go ba ntsha mo lehumeng mme a kgothatsa bao ba ba maleba gore ba netefatse gore ba a ba thusa.

Mokhanselara yoo itlhophetsweng Mme Bakae Mathule fa a ntsha la gagwe o supile fa dikgang tsa go phoraphora bana le petelelo di ngomola pelo. A re seemo se se tshwanetse go elwa tlhoko mme badiramolato ba gagamalediwe kotlhao gore ba bangwe ba ba nang le dikakanyo tsa go dira tiro e e maswe eo ba tshabele kgakala.

Mme Mathule a re go tshwanetse ga ntshiwa pego e e supang gore ke badiramolato ba le kae ba ba tseetsweng dikgato tse di maleba le gone gore ba na ba mohuta oo ba thusiwa jang morago ga tiragalo eo. Makhanselara a mangwe le one a supile fa pego ya ga modulasetilo e sa wela ka jaana e sa supe gore, e re ka metse ya Kang le Werda e supilwe ha e na le borukutlhi jo bontsi a seemo seo se setse se ritibetse kana se ntse se tshwana fela.

Ba tsweletse ba ngongorega ka gore lephata la thuto ga le a ntsha pego ya gore e re jaaka lefatshe ka bophara le ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa mephato yotlhe go simologa ka wa lekwalo la bosupa go ema ka mophato wa botlhano, le ipaakantse go le kae go netefatsa gore ditlhatlhobo di tsamaya ka thelelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 27 Sep 2015