Breaking News

Thuto-ga-e-golelwe e file mosadi seriti

27 Sep 2015

Thuto ke lesedi le legolo le le sekeng le tima, le e reng fa motho a le mo go lone a bo a ka seke a timele e bile a kgona go nna le seriti. 

Mafoko a, a boletswe ke Mme Marriam Matlou wa kgotlana ya Lesung kwa Sefhare yo o itlhalositseng fa a ne a seke a ipona tsapa go inaakanya le sekole sa thuto-ga e-golelwe. 

Mme Matlou a re e ne ya re ngogola ka kgwedi ya Motsheganong a utlwa go buiwa ka go ikwadisetsa go tsena thuto ga-e-golelwe mme ya nna ene mongwe wa batho ba ntlha go ikwadisa. 

A re o ne a ikwadisetsa go dira lekwalo la ntlha ka a ne a ise a ise a tsene ka kgoro ya sekole go tloga bonyennyaneng ja gagwe. 

Mme Matlou yo o dingwaga tse di masome a marataro o kaile fa ditsamaiso dingwe tsa bogologolo jaaka go nyalwa ba sa le babotlana le go disa leruo la batsadi ba bone e le dingwe tsa tse di neng tsa kgoreletsa bontsi ja bone go ya sekoleng. 

A re mme ka jaana a segofetse a kgonne go bona sebaka sa go tsena sekole, o iketeile sehuba go dira ka natla mo dithutong tsa gagwe.

O tsweletse ka gore o ne a sa itse go kwala leina la gagwe gotlhelele, a sa itse go bala e bile e a re a saena a bo a baya letshwao la X. O ne a supa fa jaanong seemo se se fetogile ka a kgona go kwala maina a gagwe ka botlalo, a kgona go ipalela fale le fale e bile jaanong a saena ka go kwala leina la gagwe. 

Mme Matlou o ne a supa fa a eletsa go tsweledisa dithuto tsa gagwe go ema ka lekwalo la bosupa mme a re sebe sa phiri ke go tlhoka go tla sekoleng ga morutabagolo letsatsi le letsatsi ka mabaka a botshelo.

A re seemo se ke sone se mo diileng gore a bo a ise a fetse lekwalo la gagwe la ntlha. Le fa go ntse jalo, o ne a supa gore ka dinako tsa fa ba sa kgona go ya sekoleng, o nna a kopa bana ba gagwe go mo gakolola tse a tshelang a di rutwa kwa sekoleng gore a seka a lebala. 

Mme Matlou a re ene ditiro tsa mo lwapeng ga di kgoreletse dithuto tsa gagwe ka a kgaogantse nako ya gagwe sentle. 

Ntle le go ithuta go bala le go kwala, mme Matlou a re o na le botsipa ja go loga didirisiwa tse di farologanyeng ka polaseteke.

O ne a kaya fa a eletsa gore mo tsamaong ya nako a kgaogane botsipa jo le ba bangwe ba a tsenang sekole nabo. A re ke nako ya gore mongwe le mongwe a bo a setse a ikemetse ka dinao gore segolo ka ngwaga o o tlang wa 2016 a bo a fitlheletse mangwe a matshego a tebelopele ya 2016 fa e le gore ga a a kgona go a fitlhelela otlhe.

A re ene ntle le go inaakanya le tsa thuto, ke motho yo o kutlwelobothoko ka a kgona go fa bangwe ka ene dithuso ntle le dituelo. 

Mme Matlou o ne a rotloetsa ba ba saletseng kwa morago mo dithutong go inaakanya le sebaka se tshwana le se a leng mo go sone. 

A re mme o eletsa gore borre ba itsose ka a lemoga fa e le bone ba santseng ba saletse kwa morago ka gore kwa sekoleng sa bone palo ya borre e kwa tlase thata fa ba tshwantshanngwa le bomme mme go sa ree gore bontsi ja borre ba iteilwe letsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : SEFHARE

Event : Potsolotso

Date : 27 Sep 2015