Ba rotloediwa go itshwara sentle
27 Sep 2015
Baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se se botlana sa Gobuamang Memorial kwa Thamaga ba rotloeditswe go itshwara ka botho jo bo letlelesegang fa ba aloga ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane.
E rile fa a gakolola baithuti, morutabana wa tsa bogakolodi wa sekole se segolwane sa Thamaga Rre Boitumelo Keinyatse a tlhalosa fa baithuti ka bontsi ba fetoga fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane mme ba simolole go itshwara ka maitsholo a sa siamang, selo se a reng se tshwenya fela thata.
Rre Keinyatse a re melao e baithuti ba ba e dirisang mo dikoleng tse dipotlana e ntse ke yone e ba tlaa e fitlhelang kwa go tse dikgolwane.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa botshelo jwa sekole se segolwane bo le pharologanyo thata le jwa sekole se sebotlana ka jaana go na le dikgwetlho di le dintsi, mme a ba kgothatsa go ikitaya ka thupana.
E rile a ema baithuti ka lefoko, seopedi sa mono gae Ted Phaphane, yo o tlwaelesegileng ka leina la Ozi F Teddy, o ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo ba bo ba supe lerato mo go se ba se dirang.
O ne a tlhalosa gore go somarela nako go botlhokwa fela thata e bile go ka thusa moithuti go dira sentle mo dithutong tsa gagwe.
O ne a gakolola baithuti go ikgapha mo monateng ka ba sa le babotlana mme e bile ba na le nako e ntsi fela thata mo botshelong.
O ne a tlhalosa gore go ikgapha mo dilong tse di sa siamang ke yone fela tsela ya go ka kgona go dira sentle mo dithutong.
Mooki go tswa kwa kokelwaneng ya Thamaga Rre Elisha Mbata, o ne a kgothatsa baithuti go baya Modimo pele mo sengweng le sengwe se ba se dirang.
O ne a tlhalosa gore, go le gantsi baithuti ba basetsana ba felela ba ima e le gone ba simololang kwa dikoleng tse dikgolwane, selo se a reng se dirwa ke go ikgatholosa kitso le dikgakololo. O ne a rotloetsa baithuti go tswa mo go tsa marato mme ba inaakanye le dithuto tsa bone.
O ne a tswelela a ba kgothatsa go bega dikgang dipe tse di ka tswang di amana le go phorwaphorwa.
A tlhalosa fa ba itemogetse fa baithuti ba sa bege dikgang tsa mohuta o mme ba tla go lemoga fela fa ngwana a setse a imile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya baithuti
Date : 27 Sep 2015






