Breaking News

Barutabana ba rotloediwa go nna sekao mo baithuting

27 Sep 2015

Morutabana wa pele, Rre Masole Dialwa, o tlhalositse fa tiro ya borutabana e tlhoka bopelotelele le lorato gore maduo a kgone go bonala. 

Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Madikwe kwa Bobonong bosheng Rre Dialwa o ne a kgothatsa barutabana go nna sekao sa boammaaruri ka ba tshwere matshelo a baithuti.

A re se se tshwanetse go ba gwetlha ka jaana ba rwele boikarabelo jwa gore bana ba neelwa thuto ya boleng gore ba tle ba nne le isago e e botoka. 

Rre Dialwa o ne a bolela fa nngwe ya dilo tse di botlhokwa tse a ka di nopolang morago ga go dira e le morutabana dingwaga di le masome a mabedi le bosupa e le gore boitshoko bo molemo thata mo go ntsheng maduo a tlhwatlhwa.

O tlhalositse fa lefatshe le mekamekane le kgwetlho ya kwelotlase ya maduo a dikole ka kakaretso go tswa kwa go tse di kwa tlase go ya kwa go tse dikgolwane, mme a rotloetsa fa go tlhokafala gore mongwe le mongwe a nne le seabe go fetola se.

O ne a gakolola batsadi gore le bone ba emele thuto ya bana ba bone ka dinao le go gagamatsa molao kwa malwapeng, ga mmogo le go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana.

Rre Dialwa o ne a digela ka go akgola ba ba abetsweng dimpho a ba gakolola go tswelela ba tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo. 

O ne gape a rotloetsa ba ba sa kgonang go tsaya sepe go ikitaya ka thupana gore le bone ba kgone go atswiwa mo moletlong wa ngwaga o o tlang.

Mogokgo wa sekole se, Rre Kelapile Patiko o ne a supa fa sekole sa gagwe se tsweletse sentle ka maiteko a go ntsha maduo a a nametsang ka ba le gaufi thata le go goroga mo seelong se se beilweng ke lephata la thuto. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segomotso Basuti

Location : BOBONONG

Event : Kabo dimpho

Date : 27 Sep 2015