Breaking News

Dikoloto di phirimisa ditoro tsa VDC

27 Sep 2015

Go tlhoka go duela matlo sentle ga batho ba ba hiriseditsweng ke komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Ramokgonami go dia go diragatsa ditoro tsa komiti eo tsa go tlhabolola matlo.

 Modulasetilo wa komiti eo, Rre Goboditsemang Kefitlhile o ntshitse matshwenyego a mo potsolotsong bosheng.  Rre Kefitlhile a re maikaelelo magolo a komiti ke go shafatsa matlo a magologolo le go a tsenya metsi le motlakase. 

O ne a supa fa mme se go lebega e tlaa nna ditoro fela tse di ka se keng di diragale ka bahirisi ba bone ba le dingalo go duela madi a ba a dumalaneng kgwedi le kgwedi. 

Rre Kefitlhile a re madi a matlo ke one a ba beileng mo go one go tlhabolola motse a supa fa go tlhoka go duela sentle ga bahirisi e le kgwetlho e tona. 

O boletse gore mo nakong ya gompieno ba hirisitse matlo a le masome a mabedi ba bo ba kopa bahirisi botlhe gore kgwedi nngwe le nngwe fa e tlhola malatsi a le matlhano mongwe le mongwe a bo a duetse boroko mme a re tumalano e ga e diragadiwe. 

Rre Kefitlhile a re gape ba tshwenngwa ke gore bone bahirisi bao ba gana go saena mokwalo wa tumalano ya phiriso. 

O ne a supa fa bontsi ja bahirisi ba bone e le badirelapuso mme e re fa ba sa duele ka nako jaana ba bo ba baa lebaka la gore ka dinako tse dingwe ga ba duelwe ka nako kwa ditirong tsa bone.   O tsweletse ka gore se se felela se ba tlama gore ba kwalele baeteledipele ba maphata makwalo mabapi le dikoloto tsa badiri ba bone fa ba bangwe ba felela ba isiwa fa pele ga lekgotla. 

Rre Kefitlhile a re dikoloto tse gape di ama le dituelo tsa metsi ka gore VDC e tlamega go ya go a duela kgwedi le kgwedi bahirisi ba sena go duela boroko.  O kaile fa bone ba ikaeletse go fa bahirisi boroko jwa maemo a ntlha gore le kwa ditirong ba ntshe maduo a mantle ba sa kgoreletswe ke seemo sa bonno jo bo sa itumediseng. 

O kopile mowa wa tirisano mmogo mo bahirising a re phelelong ba tlaa bo ba ba tima boroko fa boitsholo jwa go nna jalo bo ka tswelela.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : RAMOKGONAMI

Event : Potsolotso

Date : 27 Sep 2015