Breaking News

Moruti o rera ka go lepa dipaka

27 Sep 2015

Rre Ikobadiah Mokwenaotsile ke moruti yo o tlhalosang fa a na le mpho ya go dupa dinaledi ngwedi le loapi go lepa dipaka, mme e rile a bona a na le tshesego ya go amogana tshedimosetso eo le setshaba, a bitsa matlhogoputswa le baruti ka ene go tla go tlhatlhelela kitso ya bone ka kgang eo, e le nngwe ya dipaakanyetso tsa dithapelo tsa pula. 

Batsaya karolo mo  puisanong e, ebong baruti ga mmogo le bagolo, ba dumalana gore go lepa dipaka ke selo se se tswang goo lowe e bile go dirwa ka methale e e farologaneng.

Ba tlhalosa fa go ka dirisiwa dilo di le mmalwa go lepa dipaka tse di tlang, mme dilo tseo di akaretsa loapi le tsotlhe tse di nnang mo loaping, lebopo ga mmogo le diphologolo. 

Mo godimo ga moo, ba boa ba a fa sekai gore le ka nako ya Jeso a tsholwa, banna ba ba botlhale ba bararo ba ne ba bona ka naledi gore morena o tshotswe, ka jalo ba e sala morago gore ba ye go mmona.

Fa a latlhela la gagwe, Rre Lekgoa Pheto, 78, ene a re ka kitso ya bone bogologolo, ngwedi fa a palama, o tshwanetse go leba ka fa mojeng, fa a ntse jalo gatwe o tsholotse bolwetse, ka jalo go kaya tshiamo, mme fa ngwedi a ka palama a thulame, gatwe o a bo a hupile bolwetse. 

A re fa ngwedi a palama a thulame, ka nako eo bana ba tlhaselwa ke malwetse a tshwana le go tsholola, malwetse a phogwana mme le dintsho di ye kwa godimo.   

Rre Pheto o tlatsa ka gore go na le se ba se bitsang pitso, e e lebegang jaaka lesedi le le dikologileng ngwedi kgotsa letsatsi, mme e ne e re fa ba e bona, ba bo ba solofela pula. 

A re se sengwe se ba neng ba se dirisa ke dirogabalopa, tse di lebegang e kare di tshegeditse letsatsi ka fa molemeng le ka fa mojeng, mme fa letsatsi le ka phirima le na le dirogabalopa, seo se kaya gore pula e tla tla, mme e le kgakala.

Bagolo ba tswelela ba bolela fa go na le dinonyane dingwe tse le tsone e neng e re fa ba di bona kgotsa ba di utlwa ba bo ba kgona go  lepa seemo sa paka e e tlang. 

Rre Shiaka Molemi, a re dinonyane di tshwana le  mmaphuphana, korwe le moroka-a-pula ke dingwe tse ba neng ba itse gore fa ba utlwa melotsana ya tsone, ba a bo ba itse fa di bega pula.

“Moroka-a-pula ba bangwe ba e bitsa kgotlamedupe, yone fa re ka utlwa e lela e re tjoko tjoko tjoko tjoko! re a itse gore re ka solofela pula, mme fa e ka lela e re tswii tswii tswiii! re a itse gore e tlhobosa pula,” ga tlhalosa Rre Molemi.

Rre Molemi a re le ditshidinyana dingwe jaaka khukhwane nngwe e e mogatlanyana, e bone ba itseng gore fela fa e ka itaya fa fatshe ka mogatla, gone foo fela pula e a na. 

A re le e nngwe e e tlotlegileng e khibidu ka mmala, e e bidiwang gotwe Modimo, yone e bonala thata ka nako ya dipula tse di namagadi. 

Moruti Mokwenaotsile o ne a kaya naledi e e ntseng e bonala mo malatsing a a neng a feta, e e phatsimang thata mme e setswe morago ke e nnye fa tlase ga yone. A re ene ka leitlho la mpho ya gagwe, naledi eo ga e a tshwanela gore e ka bo e eme fa e leng teng.

A re e tshwanetse gore e ka bo e setse e kgabagantse, mme fa e leng teng, e bapotse dipaka ka jalo le fa pula e ka na, e tla tla ka pula e e serame e e sa siamelang dijalo. 

Fa a akgela, Rre Molemi a re naledi eo ba itse fa e bidiwa kopa-dilalelo, e ka yone ba itseng e tsile go kopa dijo mme ba dumela e tsisa kgora. 

Mme o kaya gore e sale a tsholwa, mo dingwageng tse di masome a supa le bobedi tse a di tshidileng, ga a ise a bone kopa-dilalelo e salane morago le e nnye e e ntseng e bonala mo malatsing a a ntseng a feta, ka jalo ga a tlhaloganye gore se se ka tswa se raya eng.  

Bagolo, ebong Rre Pheto le Rre Molemi ba na le maitemogelo a dinaledi tse dingwe jaaka naledi ya kgogamasigo, e ba reng fa letsatsi le phirima yone e a bo e tlhaba, le ya mphatlalatsane e e tswang fa masa a sa, e kaya fa masa a sele. 

Dinaledi tse dingwe tse ba di kaileng ke tse ba reng di nna di tsamaya mmogo di lepalepane, e nngwe gotwe ya kgora, fa e nngwe gotwe ya tlala. Ba re fa ya kgora e ka palamela fa godimo ga ya tlala, ba itse gore ba tlaa dika ba bone paka ya kgora, mme fela fa ya tlala e ka palamela kwa godimo ga ya kgora, ba tlaa itse go ipaakanyetsa paka ya tlala.  

Rre Pheto a re ka kgwedi ya Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le botlhano, go bonala naledi e nngwe e e bidiwang magakgala, e a reng e tshuba dijalo jaaka mabele go sekaenyana, e di omisa go di baakanyetsa thobo.

O tswelela a re mme fa e ka re ka Seetebosigo a tlhola malatsi a mabedi le botlhano, fa naledi e e bidiwang Naka e ka benya e tlaa bo e fisa dijalo thata, e boe e fise gotlhe le bojang tota, mme naga e sale e shele e ntse tshetlha. 

Naledi ya selemela yone go bolelwa fa e ne e bonwa ka kgwedi ya Tlhakole mme yone fa e bonwa e phirima, Motswana o ne a itse gore e mmolelela fa ngwaga ya temo e wetse.

 “Go na le naledi e nngwe e e tleng e tsapoge, e kgabaganye ka lebelo e bo e felela e nyeletse. A re ka nako eo, e a bo e ne e latola kgosi,” ga wetsa Rre Pheto ka dinaledi.  Fa a ntsha ntlha ya bofelo, Rre Molemi a re le metsamao ya phefo e ne e dirisiwa go lepa dipaka.A re phefo e e tswang botlhaba e ya bophirima ga e a siama, mme e e phailang e tswa bokone e ya borwa e kaya botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Bakgoeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Puisano

Date : 27 Sep 2015