Breaking News

Kgosi o kopa banana go dirisa mananeo

24 Sep 2015

Kgosi Loikotlhae Baitere wa Tshwaane mo kgaolong-potlana ya Moshupa a re o tshwentswe ke dipalo tse di kwa tlase tsa banana ba motse ba ba tsayang mananeo a puso a nyeletso lehuma.

O buile se mo potsolosong le lekalana la bobegadikgang la BOPA bosheng a re bontsi jwa banana ba motse wa gagwe ga ba bereke ba nna fela mo malwapeng.

A re mo nakong ya gompieno ba inaakantse fela le go bereka Ipelegeng yo a ka bong a berekwa ke bagolo.

Kgosi Baitere a re o lemogile fa sebe sa phiri e le boitseme jwa banana go tlhagafalela go ikopela mananeo a puso.

Kgosi a re e re ka motsana wa bone e ne e le gone o tlhomamisiwang o santse o saletse kwa morago ka ditlhabololo ka jalo ba tsaya ditlamelo kwa Moshupa. A re banana ba supa letlhoko la madi le tlhaelo ya dipalamo e le mabaka a a ba paledisang go ka ya go ikopela mananeo.

Monana wa motsana o, Mme Gofaone Ponaka ene a re o sale a ikopetse go thusiwa ka lenaneo la LIMID ka ngwaga wa 2010 mme le jaana ga a ise a bone phetolo.

A re e le banana ba eletsa thata go tsaya mananeo a puso gore ba ikinole mo lehumeng, mme a re sebe sa phiri ke boitseme jwa bodiredi jwa puso kwa diofising tsa banana ka jaana bangwe ba sa supe kgatlhego ya go ba thusa le go ba itsise ka tse di tlhokafalang gore ba itlhamele dikgwebo.

A re mo nakong e ntsi ba nna fela ba bolelelwa fa badiri ba ba maleba go ka ba thusa ba tserwe ke ditiro tse dingwe, selo se a reng se ba kgoba marapo ka e bile ba dirisa madi go palama ba ya go kopa dithuso.

Mme Ponaka gape o kopile gore dipampiri tsa ikopelo-kgwebo di kwalwe ka Setswana di bo di tlhofofadiwe gore banana ka kakaretso ba kgone go tlhaloganya  tse di tlhokafalang le gore ba kgone go di itlaletsa ntle le go tlhoka boitseanape jo bo rileng ka jaana bontsi ba sena dithutego dipe tse di rileng kgotsa madi a go thapa baitseanape.

Monana wa moapei wa borotho yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma la go apaya borotho Mme Tsietso Rakala ene a re ga a ise a ke a letlelele dikgwetlho go mo kgoba marapo go ka fitlhelela ditoro tsa gagwe.

A re o ne a itoma molomo wa tlase,a botabota kwa Moshupa go netefatsa gore kopo ya gagwe e a atlega.

Mogwebi yo a re le fa go na le kgwetlho ya theko e e kwa tlase mo nakong ya gompieno o tsweletse ka godira ka ka natla go netefatsa gore o fitlhelela dikeletso tsa gagwe. O gwetlhile banana go sa ipone tsapa le go nna pelo telele fa ba kopa mananeo. A re ba ikitee ka thupana go aramela marang a letsatsi le santse le tlhabile. Ends

Source : BOPA

Author : Mphoentle Gopadile

Location : Tshwaane

Event : Potsolotso

Date : 24 Sep 2015