Breaking News

Tona o gakolola balemi go bopa mokgatlho

24 Sep 2015

Beng ba diterekere ba kgaolo ya Mahalapye le Shoshong ba kopilwe go bopa mokgatlho gore ba tle ba kgone go laola seemo sa temo ya kgaolo ya bone.

Fa a bua le beng ba diterekere bosheng, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso o ba rotloeditse go tshwaragana e le balemi ba diterekere a tlhalosa fa moroto wa esi o sa ele.

Mme Tshireletso a re fa ba bopile mokgatlho ba ka kgona go ikgaoganya ka balemi le masimo mme botlhe ba akola mananeo a puso, a tlatsa ka gore bopelotshetlha ga bo busetse sepe.

A re go le gantsi e le beng ba diterekere ba felela ba sa lemela batho sentle ka ba a bo ba sianetse go lemela balemi ba le bantsi mme fa ba le mokgatlho ba ka ithulaganya ba bona gore ba kae, masimo a kae mme ba lemela batho sentle.

O ba kopile gore e le beng ba diterekere fa ba ipopile lekgotla ba kgona go itse gape gore ba kae mo kgaolong kgotsa ka metse ya bone mme ba ikgaoganye ka masimo a batho ba metse ya bone gore ba tle ba kgone go ba lemela sentle mme ba akole le dituelo kwa pusong botlhe.

Mme Tshireletso a re gape ba kgona go dirisanya mme ba emise beng ba diterekere ba e seng maloko a lekgotla la bone go tla kwa metseng ya bone ba ba tseela kgwebo, a gakolola gore ba kgona go bopa mokgatlho ka gore ba tswa kwa motseng ofe kana kgaolo efe.

A re ba fa ka dira jalo lekgotla le ka gola mme e bile ba ka gola ba felela ba dirile botsalano le balemi ga mmogo le go thusana fa go na le mathata  kgotsa ba tswa ka megopolo ya gore ba ka thusana jang e le beng ba diterekere. 

O ne a ba kgothatsa gore gape fa ba ipopile ditlhopha ba kgona go ka bona leokwane ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase kwa marekisetsong a lone kgotsa dithuso dife fela tse ba di tlhokang e le beng ba diterekere.

O ne a ba gakolola gore fa ba itsaya tsia batho kgotsa dikompone le tsone di ka ba tsaya tsia mme kgwebo ya bone ya gola ka ba tlaa bo ba dirisanya le ba bangwe ba ba nang le dikgwebo. 

Fa a bua ka tse dingwe, Mme Tshireletso o ne a ba rotloetsa gape le gore ba dirisanye le bakgweetsi ba diterekere tsa bone gore ba lemele balemi sentle.

A re go le gantsi e le beng ba diterekere ba roma bakgweetsi go ya go lemela batho, mme fa gongwe ga ba dire tiro e e siameng, a gakolola gore ba tshwanetse go nna teng nako le nako fa ba lemela batho. A re gape go ka ba thusa gore ba itse gore ba kgonne go lema ditema di le kae, gore ba itse le gore  ba ba duela jang.

Mme Tshireletso o ne a ba kgothatsa gore gape ba tshwanetse le goitse gore diterekere tsa bone di baakanngwa kgapetsa kgapetsa go itsa gore fa temo e simolotse di bo di senyega.

Fa a tswa la gagwe molemisi wa kgaolo Mme Pelontle Seabe o ne a gakolola beng ba diterekere go itse gore tiro ya terekere ke temo fela fa e fetsa e nna fela.

Mme Seabe a re tiriso ya terekere e ntsi mme fa ba ipopile lekgotla ba kgona go tswa ka maele gore b a ka thusana jang go bona gore b a ka dira jang go itshetsa, a tlatsa ka gore lenaneo la ISPAAD nako nngwe le tlaa bo le fedile mme fa ba le mokgatlho ba ka thusana.

A re terekere e kgona go dirisiwa go lema peo, go sila letlhaka go dira dijo tsa dikgomo, go epa mafuti kgotsa go dira sengwe fela se se ka ba busetsang.

Mme Seabe a re bokamoso ja bone bo bo maruding a bone mme ka jalo a ba kgothatsa go atla moono wa go nna le lekgotla.

A re le fa go ntse jalo ba kgona go tswa ka thualgangyo e e lolameng gore ba tsile go lemela batho jang, ba ikgogantse ka balemi le masimo. 

Mme Seabe o ne a ba rotloetsa gape gore ba tshwanetse go itirela leina, jaaka go kwala maina a bone mo diterekereng tsa bone go godisa kgwebo ya bone a tlatsa ka gore ba kgona go simolola ba lemela batho mme fa ba ntse ba gola ba kgona go sila, kgotsa go dira sepe fela se se  amanang le temo jaaka go dira dipeo.

Fa a bua ka tsa temo a re nako e tsile ya gore dilo di bonelwe mo go bone e le ba Mahalapye, ba simolole lekgotla le mme ba le godise. Ends

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Bokopano

Date : 24 Sep 2015