Kwelo tlase ya itsholelo e diile ditlhabololo
24 Sep 2015
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba a re mananeo a a neng a tshwanetse go dirwa ka ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bosupa (DDP7) a ne a seegelwa fa thoko ka lefatshe le ne la welwa ke seru sa kwelo tlase ya itsholelo e e neng ya ama ditlhabololo.
Rre Chilimba o buile seo kwa dithuto-puisanong ka go senka dikgakololo go baakanyetsa togamaano ya ditlhabololo ya boferabobedi kwa Nata ka Mosupologo.
Thuto-puisano eo e ne e tsenwe ke dikgosi, baduladitilo le bakwaledi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makhanselara.A re kwelo tlase ya itsholelo ke yone e e diang ditlhabololo tse puso e ikemiseditseng go di dira. Molaodi o ne a gatelela ka gore ka nako eo go ne ga felelediwa mananeo a a neng a le teng mme ga seegelwa fa thoko a a neng a ise a simololwe.
Rre Chilimba o ile a bolela fa mo ditshekatshekong tsa lenaneo la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bosupa, ba lemogile dikgwetlho di le mmalwa tsa letlhoko la madi le le neng la paledisa go dirwa ga mananeo.
A re lefatshe le le sa tlhabololwang, go tlhoka go sa dire sentle ga mananeo a banana, mananeo mangwe a a phutlhama le go tlhoka go busa madi a ba a adimilweng. Rre Chilimba o ne a kopa dikgosi go bua le batho go emisa go rema ditlhare. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Nata
Event : Thuto puisano
Date : 24 Sep 2015






