Breaking News

Borukutlhi bo ile magoletsa kwa Letlhakane

24 Sep 2015

Ramapodisi a Letlhakane Superintendent  Maphephu a re o tshwentswe ke seemo sa borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi ya Letlhakane. Superintendent   Maphephu o buile jalo kwa merapelong kgatlhanong le borukutlhi e e neng e tshwerwe kwa kgotleng kgolo ya Letlhakane ka Matlhatso e e neng e rulagantswe ke ramapodisi le lekgotla la dikereke .

Superintendent   Mphephu a re thapelo e na le maatla ka jalo a re o dumela gore merapelo e e ka tsisa pharologanyo. 

O tsweletse a re borukutlhi  jwa  dititeo,dipetelelo ke jone bo di gogang kwa pele mo kgaolong ya Letlhakane di latelwa ke dikotsi le go gapa matshelo.

Superitendent Maphephu o supile fa mo ngwageng ono ba setse ba gatisitse dipetelelo di le 55, dititeo di le 325, dipolao di le 7, dikotsi tse di gapileng matshelo di le 9, a tlhalosa fa dipalo tse di le kwa godimo fela thata, a  re o ipotsa gore e tlaa re ka kgwedi  ya Sedimonthole di bo di tsamaya fa kae.

Superintendent   Maphephu a re ba tshwengwa ke kgang ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro ba ba imisiwang ke batho ba ba tona ,a supa gore  fa gongwe dikgang tsa go nna jalo ga di begiwe le gore batsadi ba rekwa ka madi gore ba bipe dikgang tse, ka jalo ba dira molato.  

Superintendent  Maphephu a re maikaelelo ke gore ba tsamaye dikgotla tse e leng boremelelo jwa borukutlhi jaaka kgotla ya Metsiaela,Mokgobelele, Phase one,le Phase two ba rapelela dikgang tse. 

Bishop wa kereke ya FGAC Rre Dick Rakonche o ne a kopa dikereke go tshwaragana, a re diemo tsa mofuta o di ka kgonwa ke thapelo, a kopa dikereke gore nako tsotlhe fa bagogi ba motse ba ba bitsa ba tle.

Rre Rakonche a re o tshwenngwa ke seemo se banana ba nwang bojalwa ka sone, a re bogologolo bojalwa bo ne bo nowa ke bagolo.  

Rre Rakonche  a re o swabisiwa ke batho ba ba nwang bojalwa ba tsena dikereke ka gore morapedi o tshwanetse a gogela batho mo tumelong.

O ne gape a re bana ba nna mmogo ba sa nyalana  e bile go sena  morero wa  batsadi a re ke tsone dilo tse di bakang dipolaano.O bile a kopa banana go fokotsa dino le gore ba seka ba nwa bojalwa ba kgweetsa ,a re bojalwa ke jone bo bakang dikotsi. 

E rile ba amogela kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane mo kgotleng a tlhalosa fa e le ruri  borukutlhi bo le kwa godimo mo motseng oo.

A re bana ba dikole ba imisiwa ke batho ba tona mme dikgang tsa teng ga di begwe. Kgosi  a re bojalwa ke jone modi wa mathata a borukuthi,a re dishabini di rekisa majalwa  a a sa letlelelweng  le motokwane.

Bishop wa kereke ya Serve God  mo Letlhakane Mme Gogontlemang Maphane o ne a  leboga batho ba ba rulagantseng merapelo e a re e botlhokwa ka jaana go sena  sepe se se ka palelang Modimo. O tsweletse ka gore mo Baebeleng go supiwa gore motse wa Jerico  o ne o senyegile mme o ne wa rapelelwa. Mme Maphane o ne gape a re ene o eletsa gore banana ba ba tsamayang bosigo ba ka bo ba betswa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Merapelo

Date : 24 Sep 2015