Thuto ya boleng ke konokono - Kedikilwe
24 Sep 2015
Mothusa tautona wa pele Dr Ponatshego Kedikilwe a re Batswana ba tshwanetse go amogela tekatekano ya bong fa go tla mo go tsa thuto ka seo se tsere lobaka go se amogela.
Mothusa tautona wa pele o buile se kwa moletlong wa go kokoanya madi kwa maitisong a mmino a a neng a tshwretswe kwa sekoleng se se ikemetseng ka nosi sa MountPleasant mo Selebi Phikwe,maikaelelo e le go aga phaephe ya kgopho ya metsi a a leswe le go reka bese e e tlaa bong e dirisiwa ke bana ba sekole.
Dr Kedikilwe o ne a tswelela a re puso e beile thuto ya boleng jo bo kwa godimo kwa pele maikaelelo e le go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo le go nna mo sekaleng sa mafatshefatshe sa thuto.
O ne a supa fa mmaraka wa tsa khiro o sa kgone go amogela botlhe ba dithutego tse di rileng mme ba le mo di puisanong le ba lephata la ditoga maano go bona gore thuto e tsamaelana le se mmaraka o se batlang.Dr Kedikilwe o ne a galaletsa Mme Edna Swaniker yo e leng motlhami wa sekole seo go bo a sa ipona tsapa go fa bana thuto ya boleng mme e se turu e le tsela ya go tlhabolola seemo sa thuto mo toropong ya Selebi Phikwe.
O supile fa palo ya bana ba sekole seo e godile e bile se dira sentle fela thata mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa mme seo se dirwa ke tshwaragano ya batsadi le boeteledipele ja sekole.
Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekole seo Mme Edna Swaniker a re puso ya Botswana e ka se kgone e le nosi go fa Batswana thuto ya boleng, a re ke sone se se mo gwetlhileng go simolodisa thuto ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase.
O ne a supa gore Sekole sa Mount Plesant se simolotse go bereka ka ngwaga wa 1993 ka baithuti ba le batlhano mme mo nakong ya gompieno se godile mo se nang le baithuti ba le 320.
Mme Swaniker a re sekole se dira ka natla go ntsha maduo a a kgotsofatsang mme ditlhwatlhwa tsa sone e le tse di ka kgonwang ke motsadi mongwe le mongwe. Mme Swaniker a re o lebogela tshwaragano ya bodiredi le batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng seo ka e dira gore ditiro tsa sekole di nne motlhofo go dirwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Moletlo
Date : 24 Sep 2015






