Mananeo mokwatla wa itsholelo ya dikgaolo
24 Sep 2015
Lenaneo la Ipelegeng ke lengwe la mananeo a batho ba lefatshe leno ba ikaegileng ka one go itshetsa le gone go tlhabolola dikgaolo tsa bone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mokobeng mo kgaolong ya Tswapong Mme Dorothy Podiso o lebogetse mananeo a Ipelegeng le nyeletso lehuma.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng a re itsholelo ya motse wa Mokobeng e a phophoma ka ntlha ya mananeo ao.
A re lenaneo la Ipelegeng ba le dirisa go tlhabolola motse jaaka go aga matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a ba a hirisetsang ba direlapuso ba ba berekelang kwa Mokobeng.
A re ntswa lenaneo le e se la sennela ruri e bile e se tiro,le thusa banni ba motse ka lemmenyana la madi gape le ntsha maduo a mantle a tshwana go phepafatsa motse ga mmogo le go ntshafatsa dikago tsa puso. O ne a tlhalosa ka gore mo motseng wa Mokobeng, Ipelegeng e hirile batho ba le masome a matlhano le bongwe.
O ne a tlhalosa fa go na le batho ba le babedi ba ba apeelang babereki ba Ipelegeng dijo, a supa fa ba reka dijo tsa teng mo mabentleleng le dimausu tsa motse ka jalo se se dira gore madi a amoganwe fela mo motseng oo.
Mme Podiso a re o tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa banana ba ba berekeng mo Ipelegeng, a re o ipotsa gore ke eng ba sa kope mananeo a mangwe a nyeletso lehuma kana lenaneo la banana la go itshimololela kgwebo (YDF) ba tlogelela bagolo Ipelegeng.
Tsamaiso ya Ipelegeng ya motse wa bone ke gore batlhoki ba berekele ruri ka se se ka leka go ba fokoletsa manokonoko a go amiwa ke lehuma.
A re ba na le batlhoki ba le bararo ba ba berekang kgwedi le kgwedi,a re ba dumelane le batlhoki bao gore kgwedi le kgwedi go tsewe makgolo a mabedi a dipula mo dituelong tsa bone,gore ba rekelwe semente sa kago gore le bone ba tle ba nna le matlo a a botoka.
O ne a tswelela ka go lebogela lenaneo la Tirelo Setshaba a re le lone le na le seabe mo itsholelong ya motse oo. A re lenaneo la Tirelo Setshaba le thapile banana ba motse ba le masome a mabedi.
O tlhalositse fa banana bao ba direla kwa kokelwaneng, kwa kgotleng, kwa ofising ya molemisi, kwa dikoleng tsa Mokobeng se setona le se sebotlana. A re o itumelela gore Tirelo Setshaba e thusa banana go ithuta tiro ba tshwere ka diatla gape a re o lebogela badirelapuso ba ba rutang bana ba tiro go tswelela fela jalo.
Mme Podiso a re lenaneo le,le thusa banana mo go ikgapheng mo ditirong tse di maswe jaaka bogodu le tse dingwe fela jalo.A re o namediwa pelo ke gore banana ba ba mo lenaneong le ba dira tiro ya bone ka botswapelo, boineelo le bokgabane.
O ne a bua ka monyenyo ka nako e badiri ba Ipelegeng le Tirelo Setshaba ba gololang ka yone, a re nako e ba tswang mo tirong ka yone e a mo itumedisa ka jalo ba ka nna le sebaka sa go ikopela mananeo a mangwe a puso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomotse Johannes
Location : Mokobeng
Event : Potsolotso
Date : 24 Sep 2015






