Breaking News

Mogokgo o a ngongorega

23 Sep 2015

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Sebeso kwa Palapye, Rre Patrick Moeti o kopile gore go boelwe kwa tsamaisong ya bogologolo e motho a neng a tlhatlosiwa maemo ka go ntsha maduo le go dira ka natla, go na le gore go lebelelwe dithutego tse jaanong beng ba tsone ba sa di diriseng sentle. 

O buile jaana kwa moletlong wa go ipelela maduo a lokwalo lwa bosupa a sekole se sebotlana sa Sebeso kwa Palapye. O ne a supa fa a se kgatlhanong le thutego, ka e efa motho sebaka go tokafatsa maduo.  

A re le fa go ntse jalo seo ga se sone se diragalang malatsi ano kwa dikoleng, ka batho ba rwele dithutego ka magetla mme ba sa bereke go ntsha maduo, fa ba ba se nang ditlankana e le bone ba dirang tiro ka botswapelo. 

A re maduo ke one konokono mo thutong, ka jalo batho ba  ba berekang e nne bone ba ba lebogwang ka tlhatloso maemo go ba tiisa moko. 

Rre Moeti a re mo sekoleng sa gagwe ba kgona go ntsha maduo a mantle ka tirisano mmogo, tshwaragano, kutlwisisano fa gare ga bogogi le bodiredi, go itsane ka phuthologo, go intsha setlhabelo mo tirong le gone go itirisa tiro ka bogagago le therisanyo. 

A re tshwaragano ya setshaba, batsadi le barutabana ke konokono ya thuto, ka e ka tsisa ditlhabololo. 

A re boleng teng jwa makgotla a mangwe le jone bo ka baya seemo sa thuto kwa godimo. 

Sekole sa Sebeso ke sengwe sa dikole tse dikgologolo thata, se na le bana ba le makgolo a supa, masome a mane le borobabongwe le barutabana ba le masome a mabedi le bobedi go balelwa mogokgo le mothusi wa gagwe le bodiredi jwa tlaleletso bo le lesome le bone. 

A re sekole ke sa botlhe, se tlhoka go emelwe ka dinao gore se tlhabologe, se bo se ntshe baithuti ba ba tlaa amogelesegang mo setshabeng. 

O ne a kopa bagokgo ba ba ba tlogetseng tiro ka bogodi go tlhoma lekgotla la barutabana ba ba tlogetseng ditiro, gore le bone fela jaaka baoki, puso e ba dirisa go thusa ka megopolo, le bone ba dirisiwe go thusa ka tsa thuto go e godisa. 

A re ba ka tlhatlhelela lephata la thuto le tlhabololo dikitso ka se se ka dirwang go godisa thuto ya lefatshe leno ka go dira ditlhotlhomiso tse di tseneletseng go bana gore tsela ba e latlhile kae, mme ba boele morago ba itsee ka motlhala. 

Kwa bofelong barutabana, bana ba lokwalo lwa ntlha go ya go ema ka lwa bosupa ba ne ba fiwa dimpho tsa ka fa ba dirileng ka teng. Dimpho tseo di ne di akaretsa ditlankana le dikopi tsa gauta, tse tsotlhe di rekilwe ka P11 000 ke bagwebi ba kgaolo ya Palapye. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Moletlo

Date : 23 Sep 2015