Thuto teemane e e sa feleng
24 Sep 2015
Thuto e kailwe e le yone konokono mo ditseleng tsotlhe tsa botshelo ka e ka tsholetsa serodumo sa motho.
Mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraela Goya o buile jaana kwa moletlong wa go ipelela maduo a lokwalo lwa bosupa a sekole se sebotlana sa Sebeso kwa Palapye.
A re lefatshe leno le ntse le beile thata mo diteemaneng, jaanong nako e tsile ya gore go bewe mo thutong, morago ga go lemoga fa teemane e se sepe sa sennela ruri.
O ne a akgola sekole seo a re phenyo le katlego ya sone ya go ipharologanya le tse dingwe e itshupile ka go tsaya matshwao a a kwa godimo ga seelo se dikgaolo tsa botlhatlhobi jwa thuto e se beetseng dikole.
Ba kgonne go bona 93.1% mo maduong a ngogola. Rre Goya a re sekole seo gape se supeditse tse dingwe gore go a kgonagala, go sa kgathalesege gore sekole se mo lefelong le fe, a supa gore ka fa se leng phepa ka teng le gone go fa molaetsa ka tlhamalalo gore batho ba ba tsenang foo ke ba mofuta mang.
A re puso e tsile go thusa go tsamaisa dikole tsa bananyana gore Motswana mongwe le mongwe a bone thuto go simologa fela kwa moding, le gone go ntsha dipharologano tsa bana ba ba kgonang le ba ba sa kgoneng.
Mothusa tona a re keletso gape ke go neela dikole di-tsa thuto tse di lekaneng, go ba neela madi le gone go bona gore bogogi le barutabana ba dikole ba tokafalediwa seemo sa tiro, go lebeletswe le tlhaelo ya matlo a puso, mo ba felelang ba duela madi a mantsi a matlo a beng.
O ne a leboga Mme Gloria Orufeng wa Sefara Stone Hotel kwa Palapye go bo e le mongwe wa ba ba boneng go tshwanela go ikabela sekole sa Sebeso, a re ke mongwe wa ba ba lemogang boleng jwa thuto ya bana.
Mo mafoko a kamogelo, Mogokgo wa Sebeso, Rre Patrick Moeti o ne a re o tshwenngwa ke ka fa tlhatloso maemo e dirwang ka teng, batho ba tlhatlosiwa maemo go sa lebelelwa ka fa ba berekang ka teng, mme go lebelelwa fela gore ba na le dithutego tse di kae. Rre Moeti o ne a kopa mothusa tona le badiredi ja thuto go tsenya leitlho ntlha eo ka ele yone e digelang maduo a thuto kwa tlase.
A re fa seo se ka seka sa tsewe tsia, go lebalwe ka maduo, a supa fa go dira ka natla le go rutega e le dilo tse pedi tse di farologaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Moletlo
Date : 24 Sep 2015






