Babereki ba kgothaditswe go dira ka nata
24 Sep 2015
Babereki ba lekgotla la kabo ditsha la Letlhakane ba kgothaditswe go dira ka natla le ka monyenyo gore ba ntshe maduo, le ntswa ba nna le dikgwetlho di tshwana tlhaelo ya babereki le letlhoko la boroko.
Kgothatso e e ntshitswe ke tona wa lephata la ditsha le matlo Rre Price Maele yo gape a leng mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala fa a buisa babereki ba kwa Letlhakane bosheng,a tlhaosa fa a tsile go ba lekola le go ba kgothatsa gore ba tokafatse maduo a lephata .
Rre Maele a re o tshwentswe ke maduo a a ko tlase a lephata la gagwe, a a reng a tswa mo makgotleng a kabo ditsha.
A re setshaba se ngongorea ditirelo tsa bone gore di kwa tlase, seemo se a reng se isa seriti sa lephata kwa tlase,a re maikaelelo ke gore ba kabo ditsha ba tshware diphuthego kgwedi le kgwedi ,go bula ka nako ya dijo tsa motshegare le go anamisa maina a ba ba ikopetseng ditsha.
O ne gape a ba kopa gore ba ikgaphe mo tshenyetsong setshaba a re ba seka ba raelesega, a re ba ikgaphe mo dikgannyeng tsa kabo ya lefatshe tse di amang masika a bone.
O ile a gakolola gore therisano e botlhokwa a re ba tshwanetse ba rerisa bogogi jwa motse ba ba lekodisa tse ba di dirang ka dinako tsotlhe.
Rre Maele o bile a ba kgothatsa go boloka sentle mekwalo ya bone kana difaele a re ke bosupi di tshwanetse go nna dile teng ,o ile a ba rotloetsa go ya go tsaya malebela kwa lephateng la kabo ditsha la Tlokweng.
O ne gape a ba rotloetsa go bereka ba le seopo se le sengwe le go ruta setshaba ka ditirelo tsa lephata la bone. O boletse gore babereki ba lekgotla la kabo ditsha ba letlelelwa go ikopela ditsha mme ba tsenya dikopo jaaka mongwe le mongwe.
O kopile babereki gore ba seka ba amega mo go rotloetseng thekiso ya lefatshe.
O rile ba direle lenaneo la gore ditsha tsa banana di tsenngwe mo lephateng la banana go hema thekiso.
Mme Idah Phokoje leloko la kabo ditsha mo Letlhakane o amogetse mogopolo wa gore ba tshware diphuthego kgwedi le kgwedi a re o tlaa ba thusa go fefosa go thusa setshaba.
O boditse gore lenaneo la gore motho a nne le setsha se le sengwe lefatshe leno ka bophara ba le ipaakanyeditse gole kae.
Mme Neo Masuke o ne a re setshaba ga se dumele go tlatsa dipampiri tsa kanoko ya gore ba thusitswe jang,a re gongwe di tokafadiwe.
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Letlhakane Rre Christopher Maramba a re ba amogela kgang ya therisano mme ba tlaa simolola go ititaya ka thupana ,ka gore therisano e ka ba thusa go ithulaganya ka ditiro tsa bone.
Rre Maramba a re go na le ditirelo tse khansele le lekgotla la kabo ditsha ba di kopanelang mme o fitlhela ba sa kopane sentle go bo go kgoreletsa baikopedi.
E rile a ba araba tona a re ba ya go ikanisa baikopedi ,ba dira jalo ka mokwalo gore ke nnete ga ba na ditsha tse dingwe gope.
O bile a re o itse matshwenyego a bone a ba a kopa gore ba thuse setshaba ka bo tswapelo ,a kopa bagolwane gore ba dire lenaneo la mmereki yo o dirileng ka natla wa kgwedi go tiisa babereki moko.
Mopalamente wa kgaolo ya Boteti botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o ne a supa matshwenyego a gore lekgotla la kabo ditsha la Letlhakane ga le rerise bogogi jwa motse.
O bile a re lenaneo la Orapa today Boteti Tomorrow morafe o o amegang ba dumela gore ga ba a rerisiwa sentle.
O tsweletse a re go fefogelwe go hudusiwa ga banni ba Mmea le Mokubilo kwa lekgotleng la kabo ditsha la Marapong a re ke batho ba ba kgakala le ditlamelo ba turelwa ke go latela ditlamelo kgakala. Ends
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Phuthego
Date : 24 Sep 2015






