Dikomiti tsa metse ke mmangmmang
22 Sep 2015
Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ke mokokotlo wa ditlhabololo le itsholelo ya lefatshe fa maloko a a tlhophilweng mo go tsone a ka dira sentle le maphata otlhe a puso go fitlhelela se ba se romilweng ke puso.
Se, se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, fa a buisa phuthego ya maloko a dikomiti tsa ditlhabololo le dikgosi tsa kgaolo ya Mothamo e e akaretsang Moiyabana, Thabala, Mogorosi le Motshegaletau e e neng e tshwaretswe kwa Moiyabana bosheng.
Mothusa tona a re komiti eo ke yone e eteletseng ditlhabololo tsa magae ka le dikomiti tse dingwe di ipega mo go yone mme go botlhokwa go tlhopha maloko a a nang le boikarabelo a tlotla tiro ya one a le tlhaga mo tsamaisong e bile a rata go tla mo diphuthegong nako le nako ba sa tle morago ga nako mo diphuthegong tsa bone.
A re ke maikarabelo a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go ithuta ditsamaiso tsa ditirelo tsa bone ka go kopa bodirelapuso go tshwaragana le bone go ba tlhatlhelela ka melao ya lefatshe leno ka go le botlhokwa go e itse, mme ba ka bitsa ba ofisi ya ga molaodi le maphata a mangwe go ba kgothatsa go nna le boitsetsepelo go ntsha megopolo ka ba na le seabe mo tirong ya morafe.
Mme Tshireletso a re dikomiti tseo bogologolo ba ne ba ipelafatsa gore ba ka direla metse ya bone eng se se molemo jaaka go agela badirelapuso matlo go direla bana meletlo le gone go bitsa diphuthego go abelana maele.
O ba kopile go itse ka mananeo a nyeletso lehuma mo metseng ya bone a tlatsa ka gore ke bone ba itseng batho ba metse ya bone mme ba ka thusa ba boipelego go bona batlhoki ba-na-le-bogole le bana ba masiela.
Mothusa tona o tlanyatlanyeditse batsena phuthego eo ka maitlamo a puso go tlhokomela ba-na-le-bogole ba ba sa itireleng sepe ka P300-00 le dijo tse di lekanang le tsa motlhoki kgotsa masiela, a re ba tshwenyegile ka go na le batsofe mme bangwe ba malapa ba ba bitsa ba-na-le-bogole a tlhalosa gore motho fa a setse a godile ga se bogole ke botsofe.
O ba gakolotse ka melawana mengwe e e ba amang jaaka go nna le dibuka tse ba kwalelang mo go tsone ka tsa madi gore fa di dupiwa tiro ya bone e nne e e tlhalosegang, a re go botlhokwa go baya madi kwa mabolokelong, le go rerisa morafe ka tiro ya bone mo dikgweding tse tharo dingwe le dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesego Kelediyakgotla
Location : Moiyabana
Event : Phuthego
Date : 22 Sep 2015






