BTCL e abela sekole
22 Sep 2015
Khamphani ya Botswana Telecommunication Cooperation Limited (BTCL) e abetse baithuti, barutabana le babereki ba sekole sa Bobirwa Junior Secondary School kwa Bobonong dikhompiutara le megala ya letheka kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole seo bosheng.
BTCL e abetse moithuti wa mophato wa ntlha, wa bobedi le wa boraro ba ba dirileng sentle mo dithutong kakaretso khomputara mongwe le mongwe wa bone.
Morutabana yo o rutang ka manontlhotlho le yo o dirileng sentle mo go katiseng baithuti mo metshamekong ba ne na lebogiwa ka dikhomputara le bone. BTCL e ne ya neela mogokgo le mothusi wa gagwe, barutabana le babereki ba sekole ba ba dirang ka natla mo tirong ya bone megala ya letheka le dikipara tsa beMobile ga mmogo le go abela sekole motshine o o ntsifatsang dipampiri.
Mogolwane wa BTCL, yo e neng e le molalediwa wa tlotla, Rre Boitshepho Puleng a re khamphani ya bone e bonye go le botlhokwa go inaakanya le go bona gore thuto e a tlhabologa.
A re ba ne ba bona go le maleba go abela barutabana, baithuti le babereki ba sekole se didirisiwa tsa boranyane gore ba tlhabolole ka fa ba rutang ka teng, gore sekole sa bone se ntshe maduo a mantle.
Rre Puleng o gakolotse batsadi go fa bana thotloetso gore ba ithute thata, ka go supega fa bana ba batsadi ba bone ba ba emeng nokeng mo dithutong ba dira sentle. Mogolwane yo, o kopile batsadi go nna ba etse tlhoko metsamao ya bana ba bone ka ba ka lemoga ka bonako fa ngwana a sa tlhwaafalele kgotsa a sa dire sentle mo dithutong tsa gagwe.
Rre Puleng a re BTCL e tlaa tswelela e thusa sekole se fa se tlhaelang teng go bona gore se neela baithuti thuto ya boleng jo bo kwa godimo.
Mogokgo, Mme Maipelo Mazebedi o tlhalositse fa sekole sa gagwe se tsweletse ka go dira sentle mo dithutong le mo metshamekong, ka ngwaga le ngwaga ba nna ba fiwa seetsele sa go nna nngwe ya dikole tse di dirileng sentle mo lefatsheng leno mo maduong a mophato wa boraro le mo metshamekong.
Mme Mazebedi a re le fa sekole sa gagwe se dira sentle, se lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhaelelwa ke matlo a a nnang barutabana, dikhompiutara, metshine e e ntsifatsang dipampiri le dikoloi tse di ka dirisiwang go dira ditiro tsa sekole tsa letsatsi le letsatsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Bobonong
Event : Kabo dimpho
Date : 22 Sep 2015






