Breaking News

Mme o gatetse pele ka nyeletso lehuma

22 Sep 2015

Lenaneo la nyeletso lehuma ke lengwe la mananeo a a tsweletseng ka go ntsha Batswana mo seretseng. Kwa Mahalapye, motlhala wa lone o setse o itshupa mo banning ba tshwana le Mme Kgalalelo Shoshong.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kgalalelo Shoshong yo o dingwaga dile masome a mararo wa kgotla ya Tidimalo mo Mahalapye o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ele ya go roka abo a rekisa paka ya sekolo le ya kereke, diaparo le masire a lenyalo le diaparo dingwe le dingwe tse bareki ba di batang.

O kaile fa a ithutetse go roka ko Borolong Vocational Training Centre ko Pitsane ka ngwaga wa 2013 ka Ngwanatsele, morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe one a ya go berekela moroki mongwe seo ele tsela nngwe ya go ithuta gore kgwebo e tsamaisiwa jang gape one a reka didirisiwa tse a tlaa di dirisang mo kgwebong ya gagwe, o boletse fa maikaelelo magolo a gagwe ene ele go itshimololela kgwebo. 

O boletse fa a ile a thusiwa ka lenaneo la Nyeletso Lehuma ngwaga o o fetileng ka didirisiwa tse di rokang mme kgwebo ya gagwe ya simolola Seetebosigo a tlhola lesome.

O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle, are bareki ba diaparo tse a di rokang ke batsadi ba ba rekelang bana ba bone paka ya sekolo, maloko a dikereke ka go farologana, batho ba ba nang le manyalo le batho ba ba tlang ka matsela ba bata go rokelwa diaparo tse di faphegileng.

O kaile fa kgwebo e dira sentle fela thata ngwaga o simolola fa dikolo di bulwa le dikgwedi tsa bofelo tsa ngwaga fa batho ba bontsi ba dira manyalo mme kgwebo e wela ko tlase ka mariga. 

Mme Shoshong o boletse gore kgwetlho e e tona e a kopanang le yone ele gore Batswana bangwe ga ba mo rotloetse ba ithophela go rokelwa ke batswakwa ntswa ana le bokgoni. O thalositse fa kgwebo ya gagwe e mo thusitse thata mo a kgonang go jesa bana le go ba isa sekolong ka dipoelo tse a di bonang mo kgwebong ya gagwe.

Le fa kgwebo ya gagwe e simolotse ngwaga o o fitileng Mme Shoshong o boletse fa a setse a kgonne go ikagela ntlo ebile a e gokegetse motlakase le ntlwana ya boiteketso e e dirisang metsi. 

O tlhalositse fa a eletsa go ipona ana le madirelo a matona a go roka e bile a thapile banana ba bangwe bogolo jang ka gore ga gona madirelo mo motseng wa Mahalapye. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 22 Sep 2015