Breaking News

Moremogolo go betlwa wa taola

22 Sep 2015

Ya re a sena go bona fa ga gagwe e le mo go gotweng motho o a bo a latswitswe ke tlhware, Mme Nkhabenyana Molosi,  wa dingwaga tse di masome marataro le boraro yo o neng a bonwe molato wa polao ya motho a iphutha metlhala.    Mme Molosi o ne  a sa tswa go kiba dingwaga di ka nna supa kwa kgolegelong ya Serowe.  

 Go gololweng ga ga gagwe a ya gae kwa Mahalapye, a itumile molomo wa tlase go leka go inaakanya le balekane ba gagwe ba ba neng ba setse ba gatetse pele ka tsa matshelo.  

Mo potsolosong, Mme Molosi o ne a  tlhalosa fa botshelo kwa kgolegelong bo ne bo le bosula a tlatsa ka gore o ne a  utlwisiwa botlhoko ke gore o ne a patelesega go kgaogana le bana ba gagwe ba ba neng ba santse ba le bannye.  

Lebaka le a le ntseng kwa kgolegoleng o ne a bolela fa a ile a ithuta  tiro ya diatla, e mo bogompienong a itshetsang ka yone le bana ba gagwe.   

Mme Molosi a re o ithutetse go roka le go loga didirisiwa ka mehuta di akaretsa dihutshe, dipache, ditlatlana le tse dingwe. “Ke santse ke direla mo lwapeng ka ga ke ise ke nne le madi a go ka hirisa lefelo la madirelo” o tlhalosa jaana.

 A re keletso ya gagwe ke go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a na le kwa a ka rekisetsang teng. Ka a sa le mogwebi yo mmotlana o tlhalosa fa a rekisa dithoto tsa gagwe ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, go tswa fela gore se a se dirileng se bogolo bo kae.   

 E ne ya re a bua  ka bomme, a re go le gantsi ke bone ba ba lebanweng ke dikgwetlho tsa go godisa bana ba le nosi, a tlatsa ka go gakolola bomme jaaka ene go ikgapha mo go tse di ka ba tsenyang  ka kgoro ya kgolegelo. 

Le fa ene a sa nyalwa a re o dumela fa lenyalo e le selo se se botlhokwa, mme o kgala mogopolo wa batho bangwe ba ba santseng ba nna fela mmogo ba sa nyalana a re se se baka dikgotlhang mo malwapeng fa mongwe wa baratani a tlhokafala. 

 O ne a tlatsa ka gore dintwa le dipolaano tsa baratani le tsone di ne di ka fokotsega, “Nna re ne re lwela mokapelo ka go tlhoka lesego motho yo ke neng ke lwa  nae a latlhegelwa ke botshelo” a bua jaana, le fa  seo se setse se diragetse le molato a o seketse Mme Molosi o kaile fa a le maswabi ka tiragalo eo e e setseng e fetile.  

 Le fa go ntse jalo Mme Molosi a re o leboga setshaba go bo se ile sa mo amogela sentle ka nako e a neng fa a boa kwa kgolegelong, mme a kaya fa a fetogetse mekgwa ele ya gagwe ya pele jaanonong e le motho yo o lorato mo bathong.  

O buile a re go tsweng ga gagwe kwa kgolegelong a utlwalela ka mananeo a puso a go thusa Batswana ka dithuso dipe tse ba ka tswang ba di tlhoka, mme ga a ka a tlhola a re kamoso, a bofa ditlhako a ya go ikwadisa.    

 

A re mo nakong ya gompieno o kgonne go thusiwa ka dipodi  dile nne tsa lenaneo la nyeletso lehuma tse a reng o a di thlokomela fela thata a  re o dumela fa di ka tsoga di mmoloka le ba lelwapa la gagwe.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 22 Sep 2015