Ofisi ya mopalamente ke ya botlhe
22 Sep 2015
Motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe, a re diofisi tsa mapalamente ke tsa morafe otlhe. Mme Kokorwe o buile se kwa Lentsweletau bosheng fa a ne a tsweletse le loeto la gagwe la go isa palamente kwa bathong le go rutuntsha ka tsamiaso ya palamente.
O ne a tlhalosa gore go lemosega fa batho ba sena kitso kgotsa ba sa kgone go phuthologa fa ba dirisa ofisi ya mopalamente. O tladitse ka gore diofisi tseo di diretswe gore setshaba se tseye meamuso ya puso kgotsa ditlamelo mo go tsone.
O ne a gatelela gore dikgang tsa dipolotiki di fedile ka nako e batho ba neng ba ipapatsa mme jaanong diofisi e le tsa baemedi ba batho e bile batho ba rotloediwa go tla ka bontsi ba ya go kopa dithuso koo.
O tlhalositse gore ofisi ya mopalamente e ka ba fa thuso fela e e nametsang.
Mme Kokorwe o ne a tlhalosa gape gore ofisi ya mopalamente e botlhokwa ka jaana morafe o ka ithuta go le gontsi e bile bakwaledi le bodiredi ba firetswe go thusa batho ntle le kgethololo epe.
O ne a tlhalosa fa dibuka tsa melao metheo ya lefatshe leno le tse di amanang le itsholelo ya lone di ka fitlhelwa kwa diofising tseo. A tlatsa ka gore seabe sa morafe ke go dirisa diofisi tseo go ithuta.
O bile a rotloetsa morafe wa Lentsweletau ka bomosola jwa go tsaya matsapa ba ya palamenteng go ya go bona le go reetsa fa palamente e tsene.
O boletse gore go a letlelesega gore morafe o ka ya palamenteng go ya go itseela ka tsoo pedi ba bo ba bona baemedi ba bone le ka fa ba itshwarang ka teng mo palamenteng.
Mme Kokorwe o ne a gakolola morafe gore o tlhaloganye gore mapalamente a bone segolo jang matona ba neetswe tiro ka ba amega mo dikomiting tse di farologaneng tse di diretsweng go tlhabolola matshelo a Batswana, ka jalo a kopa ba Lentsweletau go nna le kitso eo mogang ba sa boneng mopalamente wa bone kgapetsa kgapetsa.
O ne gape a rotloetsa bomosola jwa go kopa dithuso mo masikeng le ditsala go fokoletsa mapalamente tiro ka jaana batho ba tlotlile go bitsa mapalamente mo dintshong kgotsa ditiro dipe fela tsa lelwapa. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba Lentsweletau ba ne ba botsa ka lenaneo la seromamowa la palamente.
Mme Kokorwe o ne a tlhalosa fa lenaneo la seromamowa la palamente le ne la emisiwa ka mabaka mangwe a supa gore lebaka lengwe e ne ya nna gore mapalamente a ne a felela a fetola se a neng a se bua kwa palamenteng fa jaanong ba tsena kwa seromamoeng. Selo se o kaileng se ne se sa jese diwelang.
Le fa go ntse jalo o ne gape a tlhalosetsa morafe gore ba setse morago kgang ya go tsenya palamente mo thelebishining, e ka yone a reng e tsile go sedimosetsa Batswana ka se se diragalang mo palamenteng.
Banni ba ne ba akgolela Mme Kokorwe go isa palamente kwa bathong.
Monni wa Lentsweletau Rre, Raphael Kgabong o ne a lebogela leeto leo mme a tlhalosa fa jaanong go ba butse ditlhaloganyo le dipelo ka jaana ba ntse ba saletse morago e bile ba boifa go tsena ka kgoro ya palamente le ya ofisi ya mopalamente tota. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : Lentsweletau
Event : Phuthego
Date : 22 Sep 2015






