Breaking News

Letlhoko la madi ke mmaba - Autlwetse

21 Sep 2015

Kwelotlase ya itsholelo ke yone e e diang ditlhabololo tse puso e ikemiseditseng go di dira. Mafoko a a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone e bile e le mothusa tona wa thuto, Rre Kgotla Autlwetse, fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tshimoyapula bosheng.

Banni ba Tshimoyapula ba sa le ba kopa tsela ya sekonotere fa gare ga motse oo le Mabeleapodi mo dingwageng tse di lesome le bobedi tse di fetileng. 

Rre Autlwetse a re puso e ne ya sekaseka seemo sa tsela eo, mme ba lemoga fa go le botlhokwa go dirwa gore e wele tsela ya A1 kwa Serule ba lebile gore e tsile go imolola mosuke wa dikoloi mo tseleng ya A1. 

Mopalamente a re go tlaa simololwa go dirwa moalo mme sebe sa phiri go santse go batliwa madi ka tota tsela eo e tlhoka didikadike go dirwa, a solofetsa morafe gore le fa go tsere nako go arabiwa, gompieno ba letele ka tsholofelo mme ba nne pelotelele ka mmatla phohu ya gagwe a sa swe lentswe.

A re dipaka ga di tshwane  ka lefatshe leno le ne la welwa ke kwelotlase ya itsholelo mme ditiro bontsi tsa emisiwa mme ke gone e simololang go  itshetlela mme a kopa gore ba nne ka tumelo ya gore tsela e tsile go dirwa ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong

Banni bangwe ba ne ba kopa gore a tsela e re e letilwe, go tshelwe lekgarapana mo go e e ntseng e dirisiwa. 

Rre Tana Koloi o ne a kopa gore go kganelelwe metsi kwa a tswang teng kwa melapong ka fa dipula di tla jaana banni ba motse oo ba nna ka letshogo ka go feta metsi a mantsi mo motseng oo. Mopalamente o ne a tlhalosa fa lekgarapana le lone le tlhoka madi mme ba tlaa tswelela ka go e gopa.

Mothusa tona Autlwetse o ne a ba lekodisa ka letshwenyego la puso ka tsa thuto mme e dira bojotlhe go rarabolola seemo jaaka dialogane tse di senang mebereko, bana ba ba sa dirang sentle mo dithutong gore ba inaakanye le thuto ka tlhaeletsanyo ba ba sa fenyang ba boelele dithuto kwa dikoleng tse di potlana le tse dikgolwane. A re puso e tsere dikole tsa tiroyadiatla go di tlhabolola go ntsha dialogane tsa dithuto tsa diatla tsa boleng jo bo kwa godimo go simolodisa thuto ya bogologolo ya dikolo tsa sub A le sub B tse e bileng dikole tsa borutelo barutabana di simolotse go ruta barutabana ba tsone.

Mothusa tona a re tseo tsotlhe di tlhoka madimadi go dirwa. A re le dikokelwana di tsile go godisiwa go nna le bobelegisi se se tlhokang ngaka le mooki yo o  belegisang mme ditiro tse tsotlhe di tlhoka dirisiwa tse di tlhokang madi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesego Kelediyakgotla

Location : Tshimoyapula

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Sep 2015