Breaking News

Go itshidila mmele go botlhokwa

21 Sep 2015

Molomaganya ditiro mo lephateng la banana, metshameko le ngwao mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala, a re itshidilo mmele e ka thusa badiri go tshela ba itekanetse ka dinako tsothe mme ka jalo ba ntshe maduo a a eletsegang mo tirong.

Fa a tlhalosa maikaelelo le moono wa tshimolodiso ya itshidilo mebele, Mme Mosala o supile fa go itshidila mmele go ka thusa batho go dira ka natla le botswerere mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi.

Mme Mosala a re lephata la banana le itlamile go rotloetsa metshameko  le itshidilo mo setshabeng a supa fa bosheng tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Thapelo Olopeng, a simolodisitse letsatsi leo semmuso mme a kopa mongwe le mongwe go ema ka dinao le gone go innakanya le metshameko e e farologaneng.

O supile fa itshidilo mmele e tshwanentse go diragala Labotlhano mongwe le mongwe wa bobedi kgwedi le kgwedi mo kgaolong nngwe le nngwe, seo e le maiteko a go aga setshaba se se itekanetseng. Rre Ipateng Motingwa, mogolwane go tswa mo lekgotleng la Botswana Games o ne a supa fa dipatlisiso di supile fa mebele e e itekanetseng e ka thusa badiri go nna matlhagatlhaga ka go dira tiro ka bonatla le botswerere le gone go  ntsha maduo a a eletsegang  ba sa lape le go kgobega marapo.

Rre Motingwa o kaile fa go tlhoka go itshidila mmele go ka nna le ditlamorago tsa malwetse a akaretsang sukiri, madi a matona le a mangwe mme a rotloetsa  setshaba ka kakaretso go tsaya kgato ka go ya mabaleng a metshameko ka dipalo tse di kwa godimo le gone go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone. A re gape seo se ka thusa go fokotsa ditshenyegelo tsa ba botsogo le gone go ikopa kgapetsakgapetsa ga badiri go ya kwa  bongakeng.

Mothusa molomaganya ditiro mo lepahateng la metshameko le ngwao,  Rre Dominica  Botshelo, o ne a kgothatsa badiri go tswelela ba tsena itshidilo eo le gone go tlhama ditlhopha tsa metshameko e e farologaneng.

Rre Botshelo o ne a supa fa mo nakong e e tlang ba tlaa laletsa maphata a mangwe, dikhamphani tse di farologaneng, banana le batsadi gore letsatsi leo le tle le kgone go atlega.  

 

Setlhogo sa letsatsi se ne se gatelela moono wa go tlotlomatsa botsogo jo bo itekanetseng mo morafeng le setshaba ka kakaretso, mme batsaya karolo ba ne ba tsenelela mogwanto le gone go itshidila mmele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Tsatsi la itshidilo mmele

Date : 21 Sep 2015