Breaking News

Ba tla a thusiwa mo go haphegileng

22 Sep 2015

Puso e itlamile go thusa batho ba ba nnang mo metseng e e kgakala le ditlamelo ka go ba neela sebaka sa ntlha mo dithusong.

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, a re puso e thusa bana ba ba fetsang mo dikoleng tse dipotlana le tse dikgolwane ba metse eo go tswelela pele ka thuto go fitlhelela  lekwalo la botlhano mme ba tlaa tsewa kwa dikoleng tse ditona le tsa tiro ya diatla le fa ba ne ba sa bona matshwao a a kwa godimo a ditlhatlhobo. 

O buile jalo kwa Mmashoro le Dimajwe bosheng. A re batho ba metse e e kgakala le ditlamelo ba atamediwa ditlamelo ka go direlwa mo go faphegileng jaaka le mo ditirong bangwe ba setse ba hirilwe go ba ntsha mo lehumeng.

Mothusa tona a re seo ga se dirwe ke puso e le nosi ka jaana makalana a a ikemetseng ka nosi a thusa puso go dira tiro eo.

Fa a bua ka nyeletso lehuma, Mme Tshireletso a re ke metse e le masome marataro le borobabongwe e ba dirang mo go yone a ikuela mo batsading gore bana bangwe ba boa kwa dikoleng ba sa fetsa mme batsadi ga ba tseye kgato go ba busetsa kwa dikoleng, a ba gakolola gore ba le aramele le sa ba tlhabetse ka e le lenaneo la dingwaga tse lesome.

A re matlo a a agilweng ga a tlhokomelwe ntswa e le boswa jwa bana ba bone a re bangwe ba a hirisa. O ba kopile go tlhokomela se puso e ba thusang ka sone.

A re bangwe ba neetswe dikgomo ba di rekisitse e bile ke bone badisa ba dikgomo tse e neng e le tsa bone mme seo a re se ngomola pelo a ba kopa go fetola boitsholo ka bana ba bone ba tsoga ba sa ba lebe sentle.

Bangwe batsadi kwa metseng eo ba ikuetse ka meraka le dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone ba re ba jelwa ke dikgomo mo masimong mme  beng ba tsone ba re ba sekisediwe kwa kgotla tshekelo kwa ba reng bone ga ba kgone.

Ba ne ba kopa go baakanyediwa tsela e e fa gare ga metse ya bone.

Bangwe ba kopile gore mananeo a neelwe batho ba ba tlhaga ka ba tlaa tsadisa ba bo ba tlhokomela leruo le ba le filweng ke puso.

Banana bangwe ba ikuetse mo go mothusa tona gore le fa ba neelwa mananeo a nyeletso lehuma jaaka diruiwa go diegelwa go duela beng ba tsone mme e re di tsala ba di buse. Ba kopile poso kwa Dimajwe gore fa ba amogela mo Ipelegeng ba ipeele madi.

Banana bangwe ba ne ba kopa gore SHHA e tsisiwe mo metseng ya bone gore le bone ba ikagele matlo mme mokhanselara o ne a tlhalosa fa e neelwa ba ba amogelang ka kgwedi le kgwedi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesego Kelediyakgotla

Location : Mmashoro

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Sep 2015