Moupanaga o tshepile dijo tsa setso
21 Sep 2015
E re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana ebile mokoduwe go thusiwa o o itekang, Batswana bangwe ba tsweletse ka go ikemela ka dinao. Mme Itumeleng Moupanaga, yo o tlholegang kwa Thamaga ke mongwe wa ba ba inaakantseng le kgwebo ntle le thuso epe go tswa mo pusong.
Mme Moupanaga, yo o dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe, o boletse mo potsolotsong fa a ne a tsena mo kgwebong ya go apaya dijo tsa Setswana go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
A re o apaya dijo tsa setso ebong; bogobe jwa lerotse, koko ya Setswana, morogo wa Setswana le tse dingwe.
“Nna ga ke a tsena sekole ke feletse ka lekwalo la bosupa, mme ka ke ne ke le motho yo o ratang kgwebo ka bona go le botoka go apaya dijo tsa setso ka e bile go se motlhofo go bona tiro,” ga bua Mme Moupanaga.
Mme Moupanaga a re botsipa jwa go apaya o bo ithutile nako e a neng a apaya dijo kwa maemelong a dibese kwa Gaborone dingwaga tse di masome mabedi le bobedi tse di fetileng pele ga a tlogela.
A re e ne ya re ka 2012, a tsaya tshwetso ya go ipulela kgwebo ya go apaya go bapa le tsela ya Thamaga/Moshupa gaufinyana fela le motsana wa Goo-Kodisa; selo se a tlhalosang fa se dirile gore a nne le theko e e botoka. A re kwa tshimologong kgwebo e ne e le boutsana ka bontsi jwa batho ba ne ba sa itse sepe ka yone.
O tswelela a bua gore go apaya jaana ga se tiro e e motlhofo ka jaana go le thata go bona dikgong. Mo nakong e, Mme Moupanaga o thapile kgaitsadie go mo thusa ka tiro ya go apaya e le ntsi fela thata.
A re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e gola e bile e na le setsha se se ka fa molaong. Mme Moupanaga a re o rotloetsa Batswana gore ba seka ba ipaya fela mo go thusiweng ke puso mme ba tsee boikarabelo jwa go ikemela ka nosi ba bule dikgwebo le go nna pelo telele mo maitekong a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : Goo-Kodisa
Event : Potsolotso
Date : 21 Sep 2015






