Breaking News

Boikarabelo jwa dithoto ke jwa mong

17 Sep 2015

Motlhokomedi wa setlhopha sa twantsho borukutlhi sa kgaolo ya Boribamo Botlhaba kwa Molepolole Special Constable Theodora Motlhaomme o gwetlhile setlhopha sa ntebela ke go lebele sa kgaolo ya Sedumedi go tsaya boikarabelo jwa dithoto tsa bone. 

Mme Motlhaomme o buile jalo beke e e fetileng mo phuthegong ya ntebele-ke-go-lebele e e neng e biditswe ke setlhopha se mo kgaolong ya Phuthadikobo. A re batho ba reka dithoto tsa madi a mantsi mme ba palelwa ke boikarabelo jwa go sireletsa dithoto tse mo dirukutlhing.

Mme Motlhaomme o rotloeditse batho go rua dintsa go ba sireletsa mo dirukutlhing mme a re di fiwe tlhokomelo e e tshwanetseng gore di seka tsa ba swabisa ka go itlhokomolosa tiro ya tsone e e  leng go sireletsa beng. Mme Motlhaomme o rotloeditse banni go reka selotlele se se tswalang mo lebating la ntlo le le ko ntle la tshipi. 

A re selotlele se fa mong wa ntlo a tswala o dira gore fa mongwe a ka dirisa maatla a mantsi go leka go se bula go tswe modumo mo go sone o o ka tsosang beng ba ntlo fa ba tlhasetswe. 

O tlhalositse fa leano le lengwe la go lwantsha borukutlhi e le go reka diphala tse ba tlaa bong ba di letsa ka nako ya tlhaselo. A re yo o tlhasetsweng o letsa phala e, mme maloko ba tswe letsholo ka go letsa diphala tse  ba tswa mokgosi yo o tlhasetsweng, o boletse gore dirukutlhi di tshaba modumo ka jalo a re fa ba utlwa modumo o ba lebotsa phokoje. 

A re banni  ba ka dirisa kopi ya tshipi mo e leng mothale wa bogologolo wa go e tsenya fa lokong, mme fa dirukutlhi di leka go bula e a wa ka jalo e dire modumo go tsosa beng ba ntlo. 

Mo go tse dingwe, Mme Motlhaomme o ne a gakolola batsadi go tsaya boikarabelo jwa go itse kwa bana ba bone ba leng teng bogolo jang mo maitseboeng.

Fa a tsibogela pego ya  matshwenyego ka dinako tse di sa obamelweng tsa thekiso ya bojalwa e e neng e begwa ke modulasetilo wa setlhopha se Rre Mosamarea Gasefetoge mo mafokong a gagwe a kamogelo, Mme Motlhaomme o tlhalositse gore ba tlaa inaakanya le go lwantsha seemo se. 

O ne a tswelela a gakolola batsena phuthego e gore bojalwa jo bo letlelelwang ke jwa Setswana jo bo apewang ka mabele, le khadi mme a re a mangwe a maina a bo Baesekele, Sekipa se ntekane le a mangwe ga a letlelelwe ka a sa siamela botsogo. 

Rre Gasefetoge o boletse gore phuthego e e bileditswe gore ba buisane ka mathata a borukutlhi mo kgaolong ya bone le go tswa ka methale ya go thusana diemo tse ba kopanang le tsone tsa borukutlhi. Ends

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : Molepolole

Event : Phuthego

Date : 17 Sep 2015