Tona o kopa banni go somarela lefatshe
17 Sep 2015
Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o kopile banni ba Letlhakane mo kgaolong-potlana ya Boteti go somarela lefatshe gore le tle le dirisiwe ke dikokomane tsa bone.
Tona o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng. A re thekiso ya lefatshe e kwa godimo kwa Letlhakane, le ntswa lefatshe le tlhaela e bile gape le sa ntsifale.
O supile fa go setse go rekisitswe ditsha di le 207 mo ngwageng ono.
Rre Maele a re kgang e, e a tshwenya ka gore tsone ditsha di rekisediwa batswakwa ka madi a a kwa tlase a re ka fa motse wa Letlhakane o golang ka teng e tlaa re mo dingwageng tse some tse di tlang ditsha di tlaa bo di rekwa madi a mantsi.
O ne gape a re o itse gore matshwenyego a setshaba ke tiego ya peo e e bakwang ke tlhaelo ya lefatshe le go diega ga go tsenya ditlamelo kwa batho ba beilweng ditsha teng.
A re keletso ke gore ba tsenye ditlamelo pele ba aba ditsha mathata ke gore go turu. O tsweletse a re kgang ya lefatshe e bokete ka jalo a re e tlhoka therisano. Rre Maele o supile fa motse wa Letlhakane o tletse ka bo maipaafela .
O tlhalositse gore ba ya go tsaya ditsha tsotlhe tse di sa tlhabololwang. Tona o ne a ba kgothatsa go tlhokomela ditlankana tsa bone tsa ditsha a re bogodu jwa ditsha bo ile magoletsa a re ba kgona go dira moriti wa setsha mme ba se rekisetse batho ba le bantsi sone se le sengwe.
O boletse gape gore ba ya go phatlalatsa mola wa baikopedi ba ditsha gore ba kgone go bona gore ba tsamaya fa kae mo moleng. Rre Maele o ne a ba lekodisa ka molao wa lefatshe o o fetisitsweng kwa palamenteng ,o o tlhalosang gore motho a nne le ditsha di le kae.
A re molao o o letlelela ba kabo ditsha go gana go fetisa setsha, e bile go ya go rekisetswa Batswana fela. Fa go padile ke gone se ka bapadiwang mo dipampiring gore se rekwe ke mongwe le mongwe.
Mongwe wa banni, Rre Odirile Tawana o ne a supa gore tshenyetso setshaba e ntsi mo lekgotleng la kabo ditsha a re ba ba e dirang ba tseelwe dikgato. O tsweletse a re batswakwa ba seka ba letlelelwa go reka ditsha.
Rre Meshack Thanke ene a re banni ba Letlhakane ga ba na masimo le mahudiso a tserwe,a re o kopa gore ba fiwe dipolase. O ne gape a re o kopa gore kabo ditsha ya Boteti e ikemele.
A re o ne a kopile setsha sa guest house ba bo ba baya yo mongwe gape jaanong se eme jalo ga a itse gore o tlaa thusiwa jang. Modulasitilo wa kabo ditsha wa Ngwato Rre David Modisagape a re ga gona sepe sa kgaolo ya Boteti se se dirwang kwa Serowe, fa e se go na le kgang e e tlhokang gore ba e tshereganye ga mmogo le phatlalatso ya dipolase.
Rre Modisaotsile a re bone ga ba tsenelele kabo ya ditsha tsa dipolase ba e neela batho ba sele gore ke bone ba e dire . Modulasitilo wa kabo ditsha potlana ya Letlhakane Rre Goratwamang Gosalamang o ne a re bo maipafela ba bangwe ba setse ba ba beile gone kwa ba neng ba ipeile teng.
O ne gape a re ba neetse khansele bontlha bongwe jwa ditsha gore ba neele banana. O bile a re kgang ya batho ba kgotla ya metsiaela ya masimo ba santse ba e tshwere.
E rile a ba kgwa dikgaba tona a supa fa mafoko a bone a atamela semorafe ,a ba kopa go ela tlhoko dipuo tsa bone a re ba ka itshenyeletsa ka go dira jalo. O ne a re nako ya go baya setsha e ba ipeetseng ke dikgwedi tse tharo,a re mathata ke gore fa gonwe go a bo go sena ditsha.
Tona o ba solofeditse gore dikgang tse dingwe tsa bone o tlaa ya go di sekaseka tsa maphata a mangwe o tla ya go di neela ba ba lebaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Sep 2015






