Breaking News

Trindoy e abela Madunyane phaletshe

17 Sep 2015

Khamphani ya Trindoy kwa Francistown e abetse banni bangwe ba Mandunyane dijo. E rile a rola mpho eo ka Mosupologo, Kgosi Joshua Joel a re Trindoy e ba abetse matogo a phaletshe a le masome a ferabobedi le boraro morago ga go ba abela dikobo di le masome a matlhano kgwedi e e fetileng.  

Kgosi Joel o tlhalositse gore morago ga go abelwa phaletshe, ba ne ba kopana e le bagolwane ba motse, mme ba leba motse otlhe mme ba bo ba lebelela batho ba ba tlhokang mme ba sa kwadisiwa kwa go mmaboipelego gape e le ba ba sa amogelang dikobo maloba.  

 A re ba ile ba dumalana gore mo dikgotleng tse thataro tse di mo motseng, kgotla nngwe le nngwe e tle ka maina a batho ba le lesome le boraro gore ba tle ba amogele dimpho. 

Fa a ntsha malebo, Kgosi Folly Doctor wa kgotla ya Makamane a re o leboga boeteledipele jwa motse ebong kgosi le bo monnawe ka tiro eo.  

 A re e le ruri ke badumedi, ka jalo o dumela fa ba segofaditswe ka ba ne ba santse ba amogela dikobo maloba.   

O tlhalositse fa Modimo o leba gone fa go tlhobogilweng teng, mme o lebogile komiti ya ditlhabololo le ofisi ya boipelego, a re ba tswelele ka go rutega thata gore ba kgone go dira tiro ya motse.

Kgosi Doctor o rotloeditse banni go nna ba iketleetsa kwa diphuthegong a re dikgotlana tsotlhe tsa motse di tshwanetse go ema ka dinao ba bereka le dikgosi tsa bone gore ba netefatse gore ditlhabololo di a diragadiwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Christa Lebane

Location : Mandunyane

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Sep 2015